Letsatsi le fifetse,
le kgwedi, le dinaledi
di gonyetse go phatsima
ga tsone.
Mme Jehofa o tlaa kgaratla
a le mo Sione,
o tlaa ntsha lentswe
a le mo Jerusalema,
magodimo a tlaa tlakasela
le lefatshe.
Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo
jwa batho ba gagwe,
le kago e e thata ya phemelo
mo baneng ba Iseraele.