1
JOELE 2:12
BAEBELE e e Boitshepo
“Le gompieno,” go bua Jehofa, “retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.”
Compare
Explore JOELE 2:12
2
JOELE 2:28
“Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo.
Explore JOELE 2:28
3
JOELE 2:13
Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo, lo retologele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko, mme o tle a ikwatlhaele bosula.
Explore JOELE 2:13
4
JOELE 2:32
Go tlaa dirala go re, le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa; gonne mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema go tlaa nna ba ba falolang, jaaka Jehofa a buile, le mo masaleleng go tlaa nna bone ba Jehofa o ba bitsang.”
Explore JOELE 2:32
5
JOELE 2:31
Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.
Explore JOELE 2:31
Home
Bible
Plans
Videos