YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 13

13
1E rile Eferaime a bua, ga bo go le thoromo, a ikgodisa mo Iseraele; mme ya re a leofa ka Baale, a swa. 2Jaana ba leofa bogolo bogolo, ba bile ba itiretse ditshwantsho tse di tshetsweng ka selefera sa bone, e bong ditshwantsho tsa medimo ka fa tlhaloganyong ya bone, tsotlhe fela e le tiro ya banna ba ba ditswerere. Ba bua ka ga tsone ba re: A batho ba ba isang ditlhabelo ba atle dinamane. 3Ke gone ba tlaa nnang jaaka leru la ka moso, le jaaka monyo o o tlogang go sa le ka moso, jaaka mmoko o o kgopholwang ke setsuatsue mo seboping, le jaaka mosi o tswa ka letshoba la one.
4“Le fa go ntse jalo ke ntse ke le Modimo wa gago o sa le o tswa lefatsheng la Egepeto; ga o ketla o itse modimo ope fa e se nna, kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope. 5 Ke ne ke go itse o le mo nageng, mo lefatsheng la lokgere lo logolo. 6Ba ne ba kgora ka fa bofulong jwa bone; ba kgora, dipelo tsa bone tsa goletsega; ke gone ka moo ba ntebetseng.
Katlholo ya bofelo ya ga Iseraele
7“Ke gone ke ntseng mo go bone jaaka tau, jaaka nkwe ke tlaa lalela fa tseleng. 8Ke tlaa ba kgatlhantsha jaaka bera e e thukhuthilweng bana, ke tlaa gagola lotswalo lwa pelo tsa bone; ke tlaa ba suputsa gone jaaka tau; sebatana se tlaa ba gagola.
9“Ke tshenyego ya gago Iseraele, fa e bo ne ne o tlhabana le nna jaana, o tlhabana le mothusi wa gago. 10 Kgosi ya gago e kae jaana, gore e tle e go boloke mo metseng yotlhe ya gago; le baatlhodi ba gago, ba o buileng ka ga bone, wa re: ‘Nnayang kgosi le dikgosana’? 11 Ka go naya kgosi mo bogaleng jwa me, mme ke e tlositse mo kgakalong ya me.
12“Boikepo jwa ga Eferaime bo bofeletswe; boleo jwa gagwe bo beilwe mo polokelong. 13Mahutsana a mosadi yo o belegang a tlaa tla mo go ene; ke ngwana wa mosimane yo o seng botlhale; gonne ke lobaka lwa gore, ga a tshwanela go tlhola a diegile mo felong ga go kukunya ga bana. 14 Ke tlaa ba golola mo thateng ya phupu; ke tlaa ba rekolola mo losong. Loso, dipetso tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ya gago e kae? Boikwatlhao bo tlaa subegela matlho a me. 15Le fa a ka nna yo o ungwang bogolo mo baneng ba ga rraagwe, go tlaa tla phefo ya botlhabatsatsi, e bong mowa wa go hema ga Jehofa o o tlhatlogang kwa nageng, mme motswedi wa gagwe o tlaa tšha, sediba sa gagwe se tlaa kgala; o tlaa thopa dikhumo tsa dijana tsotlhe tse di kgatlhang. 16Samaria o tlaa belega molato wa gagwe; gonne o tsuololetse Modimo wa gagwe; ba tlaa wa ka tšhaka, banyana ba bone ba tlaa phatlakanngwa, le basadi ba bone ba baimana ba tlaa roposiwa.”

Currently Selected:

HOSEA 13: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy