YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 12

12
1“Eferaime o ja phefo, o latela phefo ya botlhabatsatsi; o tlhola a ntsifatsa maaka le tshwafalo; mme ba dira kgolagano le Asiria, le gone lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”
2Jehofa o bile a na le kgang le Juta, o tlaa kgopholola Jakobe ka fa mekgweng ya gagwe; o tlaa mo duela ka fa ditirong tsa gagwe. 3 E rile a sa le mo mpeng a tshwara mogolowe ka serethe; le gone mo bonneng jwa gagwe o ne a na le thata le Modimo. 4 Ee, o ne a na le thata mo moengeleng, mme a fenya, a lela, a mo kokotlela. A mo fitlhela kwa Bethele, mme a bua le rona gone. 5E bong Jehofa, Modimo wa masomosomo, Jehofa ke segopodiso sa gagwe. 6Ke gone boela Modimong wa gago, tshegetsa boutlwelobotlhoko le katlholo, mme o lebelele Modimo wa gago ka metlha yotlhe.
Morena o tswelela ka go bolela katlholo ya ga Iseraele
7“Ke ene Mokanana, dilekanyo tsa tsietso di mo seatleng sa gagwe, o rata go patika. 8Eferaime a re: ‘Ke a bo ke humile, ke iponetse khumo; mo ditirong tsotlhe tsa me ga ba ketla ba fitlhela boikepo bope jo bo ka nnang boleo.’ 9 Ke ntse ke le Jehofa Modimo wa gago o sa le o tswa kwa Egepeto; ke tlaa nama ke ba ke go agisa mo megopeng, jaaka jale mo metlheng ya modiro o o masisi. 10Ke bile ke buile le baperofeti, ke ntsifaditse diponatshegelo; ke buile ka ditshwantsho ka tirelo ya baperofeti. 11A Gileate ke boikepo? Botlhe ke boithamako fela. Mo Gilegale ba isa dikgomo ditlhabelo. Ee dibeso tsa bone di ntse jaaka mekoa mo ditemaneng tsa leota.”
12 Jakobe o kile a tshabela kwa nageng ya Arame, Iseraele a direlela mosadi, a disa dinku gore a tle a bone mosadi. 13 Jehofa a ntsha Iseraele kwa Egepeto ka moperofeti, a ba a bolokwa ke moperofeti. 14Eferaime o tlhotlheleditse bogaleng fela mo go botlhoko; ke gone ka moo madi a gagwe a tlaa tlogelwang mo go ene, kgobo ya gagwe Morena o tlaa e busetsa mo go ene.

Currently Selected:

HOSEA 12: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy