YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 11

11
Lorato lwa Morena mo go ba ba tsuololang
1 “E rile Iseraele a sa le ngwanyana
ka bo ke mo rata,
mme ka bitsa morwaake
a tswe kwa Egepeto.
2Fela jaaka ba ne ba ba bitsa,
ba bo ba tloga
ba tswa mo go bone jalo;
ba ya ba isetsa Bobaale ditlhabelo,
ba fisetsa ditshwantsho
tse di setilweng maswalo.
3Le fa go ntse jalo
ka lekisa Eferaime
go tsamaya ka dinao;
ka ba tshola mo mabogong a me;
mme ba bo ba sa itse
fa ke ba fodisa.
4Ka ba goga ka megala ya motho,
ka dikgole tsa lorato;
ka ba ka nna mo go bone
ke ntse jaaka ba ba tlosang jokwe
mo ditlhaeng tsa bone,
mme ka baya dijo
fa pele ga bone.
5“Ga a ketla a boela kwa lefatsheng la Egepeto; mme Moasiria o tlaa nna kgosi ya gagwe, ka ba ganne go bowa. 6Tšhaka e tlaa wela metse ya gagwe, e tlaa nyeletsa mephakalego ya gagwe, mme e tlaa e suputsa, ka ntlha ya dikgakololo tse e leng tsa bone. 7Batho ba me ba lemaletse kwa go ntenegeleng; le fa ba biletsa kwa go se se kwa godimo, ga go na ope yo o tlaa mo tsholetsang ka gope. 8 Ana ke tlaa go tlhoboga jang, Eferaime?
“Ke tlaa go neela batho jang
Iseraele?
ke tlaa go dira jang
wa nna jaaka Atema?
Ke tlaa go baya jang
jaaka Seboime?
Pelo ya me e a gana mo teng ga me,
mapelotlhomogi a me
a tuka mmogo.
9Ga nketla ke dirafatsa
tšhakgalo ya bogale jwa me,
ga nketla ke boa
ke ya go senya Eferaime;
gonne ke Modimo e seng motho;
ke Moitshepi mo gare ga gago;
mme ga nketla ke tsena ka bogale.
10“Ba tlaa sala Jehofa morago, yo o tlaa dumang jaaka tau; gonne o tlaa duma, mme bana ba tlaa tswa bophirimatsatsi ba roroma. 11Ba tlaa tswa kwa Egepeto ba roroma jaaka nonyane, le jaaka lephoi kwa lefatsheng la Asiria; mme ke tlaa ba agisa mo matlong a bone, go bua Jehofa.
Iseraele le Juta ba a kgalwa
12“Eferaime o ntsentse gare ka maaka, le ba ntlo ya Juta ka tsietso; mme Juta o sa ntse a busa le Modimo, le Moitshepi yo o leng boikanngo.

Currently Selected:

HOSEA 11: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy