YouVersion Logo
Search Icon

BAHEBERE 10

10
1Gonne e re ka molao o na le moriti fela wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, e seng tsona tota, ga o ka ke wa dira ka gope, gore ba ba atamelang ba nne ba ba tletseng ka ditlhabelo tse di tshwanang tsa ngwaga le ngwaga tse ba ntseng ba di isa ka gale. 2Go seng jalo, a ga ke re, ditlhabelo di ka bo di sa bolo go khutla go isiwa, fa batho ba sena go phepafadiwa gangwe fela? – ka gonne ba ba di direlang Modimo ba ka bo ba sa tlhole ba na le letswalo la dibe. 3Mme go ne go gopodiwa maleo ka tsona ka ngwaga le ngwaga. 4Gonne go a pala gore madi a dipoo le a diphoko a tlose maleo.
5Ke ka moo e rileng a tla mo lefatsheng, a bua a re:
“Setlhabelo le tshupelo
ò di ganne,
mme ò mpaakanyeditse
mmele.
6Ditlhabelo tsa phiso le tsa
boleo ga di a go natefela.
7Foo ke ne ka re:
‘Bona, ke tsile’ – go kwadilwe
ka ga me mo Lokwalong –
‘go dira thato ya gago,
Modimo.’ ”
8Pele o rile: “Ditlhabelo le ditshupelo le ditlhabelo tsa phiso le tsa boleo tse di tsisiwang ka fa molaong o di ganne, le gona ga di a go natefela.” 9Ya baa gona a reng: “Bona, ke tsile go dira thato ya gago.” Ka go re jalo o dirolola sa pele gore a tlhomamise sa bobedi. 10Ke ka yona thato eo re itshepiseditsweng ruri ka setlhabelo sa mmele wa ga Jesu Keresete.
11Le gale moperesiti mongwe le mongwe o eme ka letsatsi lengwe le lengwe, a dira tsa tirelo-Modimo, a isa ditlhabelo tse di tshwanang gantsi, tse di sa kgoneng ka gope go tlosa maleo. 12Mme ene Jesu, e rile a sena go isetsa maleo setlhabelo se le sengwe, a ya go nnela ruri ka fa letsogong le le jang la Modimo, 13a ntse a letetse gore baba ba gagwe ba be ba dirwe sebeo sa dinao tsa gagwe. 14Gonne ba ba itshepisiwang o ba dirile ba ba botlalo ka bosakhutleng ka setlhabelo se le sengwe fela.
15Mme le Mowa o o Boitshepo o re supetsa jalo; gonne e rile Morena a sena go bua a re:
16“Kgolagano e ke tla e dirang
nabo morago ga malatsi ano
ke e,
“Morena a ba a re:
“Ke tla tsenya melao ya me
mo dipelong tsa bone,
ke e kwala mo maikutlong
a bone;
17mme dibe tsa bone
le ditshiamololo tsa bone
ga nkitla ke tlhola
ke di gopola.”
18Mme jaanong kwa boitshwarelo jwa tsona bo leng teng, ga go tlhole go le setlhabelo ka ntlha ya boleo.
Kgothatso ya go tlhomama mo tumelong
19Jaanong he, ba ga etsho, e re ka re na le phuthologo ka madi a ga Jesu go ka tsena mo Felong-ga-Boitshepo 20ka tsela e ntšhwa e e phelang e o e re buletseng go ka ralala lesire, ke go re, ka nama ya gagwe; 21e re ka re bile re na le moperesiti yo mogolo yo o okameng Ntlo ya Modimo: 22A re atameleng he ka dipelo tsa boammaaruri, re na le tumelo e e tletseng, re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo, re bile re tlhapisitswe mebele ka metsi a a phepa. 23A re kgomareleng boipolelo jwa tsholofelo, re se tshikinyege; gonne ene o boikanyo yo o re solofeditseng. 24A re elaneng tlhoko gore re tlhotlheletsanye mo loratong le ditirong tse di molemo, 25re se tlogele go phuthega ga rona, jaaka bangwe ba tlwaetse, mme re kaelane, bogolo thata ka lo bona letsatsi le ntse le atamela.
26Gonne fa re leofa ka bomo, re sena go amogela kitso ya boammaaruri, go tla bo go sa tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo, 27fa e se tebelelo e e boitshegang ya katlholo le bogale jwa molelo o o tla lailang baganetsi. 28Fa mongwe a latlhile molao wa ga Moše, o swa ka basupi ba babedi gongwe ba bararo, a sa utlwelwe botlhoko. 29Jaanong akanyang he gore ene yo o gatileng Morwa Modimo ka dinao, a kaya madi a kgolagano a o itshepisitsweng ka one dinyana, a sotla Mowa wa bopelotlhomogi: Ene o tla kaiwa a tshwanetswe ke petso e kgolo bogolo jang ne! 30Gonne re itse yo o buileng a re: “Pusoloso ke ya me, ke tla busolosa;” a ba a re: “Morena o tla atlhola batho ba gagwe.” 31Ke se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang.
32Mme gakologelwang malatsi a pele, a e rileng lo sena go sedifadiwa, lwa itshokela kampano e kgolo ya dipogo ka ona; 33ntlha nngwe e le ka go dirwa sebogelwa ka ditshotlo le dipitlagano, mme ntlheng e nngwe e le ka go nna balekane ba bone ba ba tshelang mo go tse di ntseng jalo. 34Kana ba ba golegilweng lo ba tlhomogetse pelo, mme go amogwa dithoto tsa lona lwa go itshokela ka boitumelo, ka lo itse gore lona lo na le khumo kwa legodimong e e gaisang tsa lefatshe e e nnelang ruri. 35Ka moo he, se latlheng boikanyo jwa lona jo bo nang le tuelo e kgolo! 36Gonne boitshoko bo lo tshwanetse, e tle e re lo sena go dirafatsa thato ya Modimo, lo amogele se se solofeditsweng. 37Gonne go a twe:
“Go sa ntse go le sebakanyana
se sekhutshwanyane,
mme yo o tshwanetseng go tla,
o tla tla, a sa diege.
38Mme mosiami wa me
o tla tshela ka tumelo;
mme fa a ka ikepa,
mowa wa me
ga o ne o mo itumelela.”
39Mme rona ga re ba boikepo jo bo isang tatlhegong, re ba tumelo e e isang phologong ya botshelo.

Currently Selected:

BAHEBERE 10: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in