YouVersion Logo
Search Icon

RUTHE 3

3
Ruthe o a tsewa
1Naomi matsalaagwe a mo raya a re: “Morwadiaka, a ga o mme ka go senkela boikhutso, gore go tle go nne molemo mo go wena? 2Jaana a Boase ga se wa losika lwa rona, yo barwetsana ba gagwe o ne wa nna nabo? Bona, o olosa barele bosigong jono mo seboping. 3Ke gone tlhapa, o iphorole, o apare, o ye kwa seboping; mme o se ka wa ikitsise motho ope, go tsamaye a swetse go ja le go nwa. 4Mme, fa a ya go robala, o tlhokomele thata golo fa o robalang gone, mme o tsene, o fenole dinao tsa gagwe, o robale; mme ene o tlaa go bolelela se o tlaa se dirang.”
5A mo raya a re: “Gotlhe mo o go buang, ke tlaa go dira.”
6A ya kwa seboping, a dira jaaka tsotlhe tse matsalaagwe o di mo kaetseng. 7E rile Boase a sena go ja le go nwa, pelo ya gagwe e le mokete, a ya go robala kwa ntlheng ya mokoa wa mabele; Ruthe a tla ka bonya, a fenola dinao tsa gagwe, a robala. 8Ga dirala ya re bosigogare, monna yo a tshoga, a ipitikolola; a fitlhela mosadi mongwe a robetse fa dinaong tsa gagwe. 9A re: “O mang?” A mo fetola a re: “Ke Ruthe lelata la gago; ke gone phuthololela lelata la gago kobo ya gago; gonne o wa losika gaufi le rona ka go tsalwa.”
10A re: “O segofadiwe mo go Jehofa, morwadiaka; o itshupile pelonomi mo bokhutlong bogolo go mo tshimologong, ka o se ka wa latela a e leng makau a a humanegileng kgotsa a a humileng. 11Jaana, morwadiaka, o se ka wa boifa; ke tlaa go direla gotlhe mo o go buang, gonne motse otlhe wa batho ba gaetsho o a itse fa o le mosadi yo o siameng. 12 Ruri ke wa losika lwa gago, gaufi ka go tsalwa, le fa go ntse jalo, go na le monna mongwe wa losika yo o gaufi bogolo go nna. 13Lala bosigo jono; mme go tlaa dirala e tlaa re ka moso, fa a tla go direla tshwanelo ya monna wa losika, go tlaa nna molemo; a a dire tshwanelo ya monna wa losika; e tlaa re fa a gana go go direla tshwanelo ya monna wa losika, foo ke tlaa go direla tshwanelo ya monna wa losika, jaaka Jehofa a tshedile; o robale go ya mosong.”
14Mme a robala fa dinaong tsa gagwe go ya mosong; mme a tsoga bosigo bo ise bo se mo batho ba ka lemoganang gonne Boase o ne a rile: “A go se itsiwe fa mosadi yo a ne a tsile mo seboping.” 15A re: “Lere kobo e e mo go wena o e tshegetse;” mme a e tshegetsa, a ela dielo di le thataro tsa barele, a di baya mo go ene; mme Ruthe a ya motseng. 16E rile Ruthe a fitlha kwa go matsalaagwe, a re: “Go rileng, morwadiaka?” A mmolelela gotlhe mo monna yo o go mo diretseng. 17Mme a re: “A nnaya dielo tse thataro tse, tsa barele; gonne a re: ‘O se ka wa ya go matsalaago o iphotlhere fela.’ ” 18Foo a re: “Dula fela, morwadiaka, go tsamaye o itse ka fa go tlaa nnang ka gone, gonne monna yo ga a ketla a ikhutsisa, a ise a swetse selo se gompieno.”

Currently Selected:

RUTHE 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in