YouVersion Logo
Search Icon

RUTHE 2

2
Ruthe o dira mo tshimong ya ga Boase
1Naomi o ne a na le tsala ya losika lwa monna wa gagwe, a le senatla se se humileng, wa losika lwa ga Elimeleke; leina la gagwe go twe Boase. 2 Ruthe wa Momoabe a raya Naomi a re: “Mma ke ye kwa masimo, ke ye go ronopa mo gare ga diako tsa mabele ke setse mongwe morago yo ke tlaa bonang botsalano mo matlhong a gagwe.” Mme a mo raya a re: “Ya morwadiaka.”
3A ya, mme a fitlha a ronopa mo masimong, a setse basegi morago; mme a tshogana ka a wela ntlheng ya maota mo e leng ga Boase, yo e neng e le wa losika lwa ga Elimeleke.
4Mme bonang, Boase a tswa Bethelehema, a fitlha a raya basegi ba mabele a re: “A Jehofa a nne le lona,” bone ba mo fetola ba re: “A Jehofa a go segofatse.”
5Foo Boase a raya motlhanka wa gagwe yo o beilweng mogolo wa basegi ba mabele a re: “Morweetsana yo ke wa ga mang?”
6Motlhanka yo o beilweng mogolo wa basegi ba mabele a mo fetola a re: “Ke morweetsana wa Momoabe yo o boileng le Naomi kwa lefatsheng la Moabe. 7O ne a nthaya a re: ‘A ko lo mme ke ronope ke setse basegi morago mo gare ga dingata;’ mme a tla. O sa le a dira ka moso le jaana, fa e se gore, o kile a nna ka lobakanyana mo ntlong.”
8Foo Boase a raya Ruthe a re: “A ga o a utlwa, morwadiaka? O se ka wa ya go ronopa mo tshimong epe e sele, o se ka wa tswa fano fa; o tlhomame gone fa, le barweetsana ba gaetsho. 9A matlho a gago a nne mo tshimong e ba e segang, mme o ba sale morago; a ga ke a laela makau gore ba se ka ba go ama? Fa o le lenyora, o ye dinkgwaneng, o nwe se makau a se gileng.”
10Foo a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikobela fa fatshe, a mo raya a re: “Ana ke bonye botsalano mo matlhong a gago ka ntlha yang, fa e bo ne ne o ntlhokometse jaana ke le moeng?”
11Boase a mo fetola, a mo raya a re: “Ke boleletswe ka botlalo gotlhe mo o go diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa; le jaaka o tlogetse rraago le mmaago, le lefatshe la gaeno, mme o tsile mo bathong ba o sa ba itseng gale. 12A Jehofa a leboge tiro ya gago, o bo o newe tuelo e e tletseng ke Jehofa Modimo wa Iseraele, yo tsileng botshabelong tlase ga diphuka tsa gagwe.”
13Foo Ruthe a re: “A nke ke bone botsalano mo matlhong a gago, morna wa me gonne o nkgomoditse, le gonne o buile ka pelonomi le lelata la gago, le fa ke sa nna jaaka lengwe la malata a gago.”
14E rile go jewa, Boase a mo raya a re: “Tla kwano, o je dijo, o ine thathana ya gago mo botšarareng.” Mme a dula fa baseging; a mo fa mabele a a gadikilweng; a ja, a kgora, a ba a sadisa. 15E rile a tlogile a ile go ronopa, Boase a laola makau a gagwe a re: “A a ronope fela mo teng ga dingata, mme lo se ka lwa mo omanya. 16Le gone lo mo somolele mangwe mo dingateng lo a tlogele, a a ronope fela, lo se ka lwa mo omanya.”
17Jalo a ronopa mo tshimong go ya maitseboeng, a photha mo o ne a go ronopile, ya nna e ka ne e ne e le emere ya barele. 18A a tsaya, a ya motseng; mme matsalaagwe a bona mo o ne a go ronopile; a ba a ntsha a mo naya mo o ne a go beile a sena go kgora. 19Matsalaagwe a mo raya a re: “O tlhotse o ronopa kae? O tlhotse o dira kae? A go segofale monna yo o go tlhokometseng.” A bolelela matsalaagwe yo o tlhotseng a dira nae, a ba a re: “Leina la monna yo ke tlhotseng ke dira nae ke Boase.”
20 Naomi a raya ngwetsi ya gagwe a re: “A a segofadiwe ke Jehofa, yo o se kang a khutlisetsa batshedi le baswi bopelonomi jwa gagwe.” Naomi a mo raya a re: “Monna yo ke wa losika lwa rona yo o gaufi le rona, ke mongwe wa ba ba gaufi le rona ka go tsalwa.”
21Ruthe wa Momoabe a re: “Ruri, o ntheile a re: ‘Tlhomama mo makaung a gaetsho, go tle go tsamaye ba wetse thobo ya me yotlhe fela.’ ”
22Naomi a raya Ruthe ngwetsi wa gagwe a re: “Go molemo morwadiaka, fa o ka tswa le barweetsana ba gagwe, gonne kwa tshimong ya motho o sele o ka tla wa tshwenyega.” 23Jalo a tlhomama mo barweetsaneng ba ga Boase go ronopa, go ya bokhutlong jwa thobo ya barele, le jwa thobo ya mabele; mme a aga le matsalaagwe.

Currently Selected:

RUTHE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in