YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 8

8
Esera o balela batho molao
1Batho botlhe ba phuthega jaaka e ka bo e le motho a le mongwe fela, ba phuthegela mo patlelong e e fa pele ga kgoro ya metse; ba bua le Esera mokwadi, gore a lere lokwalo lwa molao wa ga Moše, o Jehofa o ne a o laoletse Baiseraele.
2Esera moperesiti a lere molao fa pele ga Phuthego ya banna le basadi le botlhe ba ba ka utlwang ka tlhaloganyo, e le ka tsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa. 3A bala mo go one fa patlelong e e fa pele ga kgoro ya metse, go simolola ka maphakela go ya motshegareng o mogolo, a bala fa pele ga banna le basadi, le ba ba nang le tlhaloganyo; mme batho botlhe ba bo ba sekegetse lokwalo lwa molao ditsebe.
4Mme Esera mokwadi a ema mo seemong sa logong, se ba ne ba se diretse gone moo; mme ga bo go eme fa go ene Matithia, le Shema, le Anaia, le Uria, le Hilekia le Maaseia, ka fa tsogong la gagwe le legolo; ka fa tsogong la gagwe la molema ga bo go eme Petaia, le Mišaele, le Malakija, le Hašume, le Hašebatana, Sekaria le Mešulame.
5Esera a menolola lokwalo mo ponong ya batho botlhe; gonne o ne a le kwa godimo ga batho botlhe; mme ya re a lo menolola batho botlhe ba ema. 6Esera a baka Jehofa, Modimo o mogolo. Batho botlhe ba fetola, ba re: “Amene! Amene!” ba tsholeditse mabogo, ba oba ditlhogo, ba obamela Jehofa ba isitse difatlhogo fa fatshe.
7Le Ješua, le Bani, le Sherebia, le Jamine, le Akube, le Shabethai, le Hodia, le Maaseia, le Kelite, le Asaria, le Josabate, le Hanane, le Pelaia le Balefi, ba tlhaloganyetsa batho molao; mme batho ba bo ba eme mo maemong a bone. 8Ba bala mo lokwalong, mo molaong wa Modimo, ka thanolo; ba phutholola mafoko, mme batho ba tlhaloganya go balwa ga one.
9Nehemia yo e leng ene Moterešathe, le Esera moperesiti le mokwadi, le Balefi ba ba rutang batho, ba raya batho botlhe ba re: “Letsatsi leno ke letsatsi le le itshepetseng Jehofa, Modimo wa lona; lo se ka lwa hutsafala le fa e le go lela.” Gonne batho botlhe ba lela ba utlwa mafoko a molao.
10Foo a ba raya a re: “Tsamayang, lo jeng mahura, lo nwe monate, lo ise dikabelo kwa go ene yo o se kang a baakanyediwa sepe; gonne letsatsi leno le itshepetse Jehofa wa rona, le gone lo se ka lwa hutsafala, gonne boitumelo jwa ga Jehofa ke thata ya lona.”
11Jalo Balefi ba kgaodisa batho, ba re: “Didimalang, ka gobo letsatsi leno le boitshepo; le gone lo se ka lwa hutsafala.”
12Mme batho botlhe ba tsamaya, ba ya go ja le go nwa, le go aba dikabelo, le go dira mekete e megolo, ka ba tlhalogantse mafoko a ba a boleletsweng.
Moletlo wa Metlaagana
13Ya re ka letsatsi la bobedi ga bo go phuthegile ditlhogo tsa makgotla a borra ba batho botlhe, ba baperesiti le Balefi, ba phuthegela kwa go Esera mokwadi, ba tla fela go sekegela mafoko a molao ditsebe. 14 Ba fitlhela go kwadilwe mo molaong, ka fa Jehofa o ne a laotse ka gone ka Moše, a re: “E re mo modirong wa kgwedi ya bosupa bana ba Iseraele ba nne mo diobong; 15le gore ba itsise batho, ba bolele mo metseng yotlhe ya bone le mo Jerusalema, ba re: ‘Tswelang kwa thabeng lo ye go tsaya dikala tsa matlhware, le dikala tsa matlhware a naga, le dikala tsa maretela, le dikala tsa makolane, le dikala tsa ditlhare tse dikima go tla lo dira diobo jaaka go kwadilwe.’ ”
16Jalo batho ba tswa ba ya go di lere, mme ba itirela diobo, mongwe le mongwe mo godimo ga ditlhomeso tsa ntlo ya gagwe, mo malwapeng a bone, mo malwapeng a ntlo ya Modimo, mo patlelong ya kgoro ya metse le mo patlelong ya kgoro ya Eferaime. 17Phuthego yotlhe ya ba ba boileng ba tswa kwa botshwarong ba dira diobo, ba nna mo diobong; gonne e sa le ka motlha wa ga Jošua morwa Nune le go tla letsatsi leo, bana ba Iseraele ba ne ba ise ba ke ba dire jalo. Mme ga nna boitumelo jo bogolo.
18Le gone e ne e re ka tsatsi lengwe le lengwe, go tswa tsatsing la ntlha go ya tsatsing la bofelo, a nna a bala mo lokwalong lwa molao wa Modimo. Ba ja modiro ka malatsi a supa; ya re ka letsatsi la bofera e le mebedi ga nna modiro wa bokhutlo ka fa molaong.

Currently Selected:

NEHEMIA 8: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy