YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 11

11
Baagi ba ba mo Jerusalema
1Dikgosana tsa batho tsa aga mo Jerusalema; le batho ba bangwe ba thela bola, gore go tle go leriwe mongwe wa lesome lengwe le lengwe a tle go aga mo Jerusalema motse o o boitshepo, ba bangwe ba ba 9 ba nne mo metseng e mengwe. 2Batho ba segofatsa banna botlhe ba ba ineetseng ka pelo fela ba tla go aga mo Jerusalema.
3 Jaana ba ke bone ditlhogo tsa ba lefatshe, ba ba agileng mo Jerusalema, mo metseng ya Juta; mongwe le mongwe a aga mo bosweng jwa gagwe mo metseng ya ga bone, e bong Baiseraele, baperesiti, Balefi, Banethinime le bana ba batlhanka ba ga Solomone. 4Mo Jerusalema ga aga bangwe ba bana ba Juta le ba Benjamine. Ba bana ba Juta: Athaia morwa Usia, morwa Sekaria, morwa Amaria, morwa Shefatia, morwa Mahalalele, wa bana ba ga Perese; 5le Maaseia morwa Baruke, morwa Kolohose morwa Hasaia, morwa Ataia morwa Joiaribe, morwa Sekaria, morwa motho wa Mošilone. 6Bomorwa Perese botlhe ba ba agileng mo Jerusalema e ne e le banna ba ba 468, e le banna ba ba pelokgale. 7Ba ke bomorwa Benjamine: Salu morwa Mešulame, morwa Joete, morwa Petaia, morwa Kolaia, morwa Maaseia, morwa Ithiele morwa Ješaia. 8Morago ga gagwe Gabai, Salai, 928. 9Joele morwa Sikeri e ne e le molebedi wa bone; Juta morwa Hasenua e ne e le wa bobedi mo taolong ya motse. 10Ba baperesiti: Jetaia morwa Joiaribe, Jakine, 11Seria morwa Hilekia, morwa Mešulame, morwa Satoke, morwa Meraiothe, morwa Ahitube, molaodi wa ntlo ya Modimo. 12Le bomonnaa bone ba ba dirang tiro ya ntlo ba le 822: Ataia morwa Jerohame, morwa Pelalia, morwa Amasi, morwa Sekaria, morwa Pašure, morwa Malekia. 13Le bomonnawe, ditlhogo tsa makgotla a borara, ba le 242; le Amašasai morwa Asarele morwa Ahasai, morwa Mešilemothe, morwa Imere, 14le bomonnaa bone, banna ba ba pelokgale, 128; molebedi wa bone e le Sabediele, morwa Hagetolime. 15Le ba Balefi: Shemaia morwa Hasešube morwa Asirikame morwa Hašabia morwa Buni; 16le Shabethai le Josabate, ba ditlhogo tsa Balefi e le balebedi ba tiro e e kwa ntle ga ntlo ya Modimo; 17le Matania morwa Mika, morwa Sabedi, morwa Asafe, e le motlhabeletsi go simolola go leboga mo thapelong, le Bakebukia, wa bobedi mo go bomorwa rraagwe; le Abete, morwa Shamua, morwa Galale, morwa Jeduthune. 18Balefi botlhe ba ba mo motseng o o boitshepo e ne e le ba 284. 19Gape balebedi ba kgoro, Akube, Talemone, le bomonnaa bone ba ba tshegeditseng tebelo kwa dikgorong, e le 172.
20Ba ba setseng ba Baiseraele, ba baperesiti le ba Balefi, ba bo ba le mo metseng yotlhe ya Iseraele, mongwe le mongwe mo bosweng jwa gagwe.
21Banethinime ba ne ba agile mo Ofele; Siha le Gišepa ba le balebedi ba Banethinime.
22Le gone molebedi wa Balefi kwa Jerusalema e ne e le Usi morwa Bani, morwa Hašabia, morwa Matania, morwa Mika, wa bomorwa Asafe ba baopedi, e le ene molebedi wa tiro ya ntlo ya Modimo. 23Ka gonne go no go le taolo ka ga bone e tswa kgosing, le seabe sa baopedi, se se laotsweng, ka fa letsatsi lengwe le lengwe le lopang ka gone.
24Pethahia morwa Mešesabele wa bana ba ga Sera morwa Juta, o ne a le ka fa tsogong la kgosi mo dilong tsotlhe tse di amang batho.
Baagi ba ba kwa ntle ga Jerusalema
25Ka ga metsana, le matlhagare a yone, bangwe ba bana ba Juta ba aga mo Kiriathe-arabe le mo metseng ya teng, mo Dibone le mo metseng ya gone, mo Jekabeseele le mo metsaneng ya gone; 26mo Ješua, mo Molata, le Bethepelete; 27mo Hasare-šuale, le mo Beerešeba le mo metseng ya teng; le 28mo Sikelage, le mo Mekona, le mo metseng ya gone; 29le mo Enerimone, le mo Sora le mo Jaremuthe; 30Sanoa, Adulame le metsana ya teng, Lakiše le matlhagare a teng, Aseka le metse ya teng. Jalo ba thibelela go tswa Beerešeba go ya go fitlha kwa mogogorong wa Hinome.
31Bana ba Benjamine le bone ba aga go simolola mo Geba go ya kwa pele, kwa Mikemaše, le Aia, le kwa Bethele le metse ya gone. 32Kwa Anathothe, Nobe, Anania; 33Hasore, Rama, Getaima; 34Hatite, Seboime, Nebalate; 35Lote le Ono, e le molapo wa badiri ba ditiro tsa botswerere. 36Le ba Balefi, makoko mangwe a diphapaano a bone mo Juta a kopanngwa le Benjamine.

Currently Selected:

NEHEMIA 11: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in