YouVersion Logo
Search Icon

MALAKI 3

3
1“Bonang, ke roma morongwa wa me, mme o tlaa baakanya tsela fa pele ga me. Jehofa yo lo mmatlang o tlaa tla mo tempeleng ya gagwe ka tshoganetso; morongwa wa kgolagano, yo lo itumelang mo go ene, bonang, o etla, go bua Jehofa wa masomosomo. 2Mme e mang yo o ka itshokelang motlha wa go tla ga gagwe? E mang yo o tlaa emang mogang o bonalang? Gonne o ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa moupeledi. 3O tlaa dula jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera, o tlaa ntlafatsa bomorwa Lefi, o tlaa ba ntlafatsa jaaka gouta le selefera; mme ba tlaa isetsa Jehofa ditshupelo mo tshiamong. 4Foo ditshupelo tsa Juta le Jerusalema di tlaa natefela Jehofa, jaaka mo metlheng ya bogologolo, le jaaka mo dinyageng tsa gale.
5“Ke tlaa atamela kwa go lona mo tshekisong; ke tlaa nna mosupi yo o bofefo wa go supa baloi, le bagokafadi, le ba ba ikanang ka maaka; le ba ba patikang mothapiwa mo tuelong ya gagwe, le mosadi wa motlholagadi, le masiela, le ba ba faposang moeng mo tshiamelong ya gagwe, mme ba sa mpoife,” go bua Jehofa wa masomosomo.
Kabelo ya tsa bolesome
6“Gonne nna Jehofa ga ke fetoge; ke gone ka moo, lona bomorwa Jakobe lo sa nyelediwang. 7E sa le ka metlha ya borraeno lo ntse lo fapogile ditao tsa me fela, ga lo a di tshegetsa. Boelang mo go nna, mme ke tlaa boela kwa go lona,” go bua Jehofa wa masomosomo. Mme lo tle lo re: “Re tlaa boa mo go eng?”
8“A motho o ka thukhutha Modimo? Le fa go ntse jalo lo a nthukhutha. Lo tle lo re: ‘Re go thukhuthile mo go eng?’ Mo go ditsabosome le mo ditshupelong. 9Lo hutsitswe ka phutso; gonne lo a nthukhutha, e bong morafe o otlhe fela. 10Lereng ditsabosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, gore go tle go nne dijo mo tlong ya me, mme lo tle lo nteke ka gone,” go bua Jehofa wa masomosomo, “lo bone boo ga nketla ke le bulela dikgoro tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya. 11Ke tlaa kgalemela mmilatsi ka ntlha ya lona, mme ga a ketla a senya maungo a lefatshe la lona; le mofine wa lona ga o ketla o tlhotlhora loungo lwa one mo matlhagareng e ise e nne motlha,” go bua Jehofa wa masomosomo. 12“Merafe yotlhe e tlaa lo raya e re: Lo letlhogonolo, gonne lo tlaa nna lefatshe le le kgatlhang,” go bua Jehofa wa masomosomo.
Modimo o solofetsa batho ba one kutlwelobotlhoko
13“Lo nnyaditse ka mafoko a a thata,” go bua Jehofa. “Le fa go ntse jalo lo a tle lo re: ‘Re go nyaditse ka mafoko afe?’
14“Lo rile: ‘Ke lefela go direla Modimo;’ lo bo lo re: ‘Go thusang fa re tshegeditse tao ya one, fa re tsamaya ka bohutsana fa pele ga Jehofa wa masomosomo?’ 15Jaanong re a re: ‘Go tlhogonolo ba ba bokaka; ee, ba ba dirang boikepo ba a agelelwa. Ee, ba raela Modimo, mme ba gololwe.’ ”
16Foo ba ba boifang Jehofa ba tloga ba buisanya mmogo; Jehofa a reetsa, mme a utlwa, mme lokwalo lwa segopodiso lwa kwalwa fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe. 17“Ba tlaa nna ba me,” go bua Jehofa wa masomosomo, “mo motlheng o ke dirang se ka one, e bong khumo e e tlhaolegileng; mme ke tlaa ba rekegela, jaaka motho a tle a rekegele morwawe tota yo o mo direlang. 18Foo lo tlaa boa, mme lo tlaa farologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.

Currently Selected:

MALAKI 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in