YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 9

9
Hosea o bolela kwatlhao ya ga Iseraele
1Wena Iseraele, o se ka wa itumela ka boitumelo, jaaka ba ditšhaba, gonne o dule mo Modimong wa gago wa ya boakeng, o ratile go thapiwa ka tuelo mo seboping sengwe le sengwe sa mabele. 2Sebopi sa pholelo le kgatisetso ya bojalwa jwa mofine ga di ketla di ba otla, le bojalwa jo boša bo tlaa mo tlhaela. 3Ga ba ketla ba aga mo lefatsheng la ga Jehofa; Eferaime o tlaa boela Egepeto, ba tlaa ja dijo tse di seng dintle kwa Asiria. 4Ga ba ketla ba thelela Jehofa ditshupelo tsa bojalwa jwa mofine, le gone ga di ketla di mo natefela; ditlhabelo tsa bone di tlaa nna mo go bone jaaka senkgwe sa bahutsafadi; botlhe ba ba se jang ba tlaa itshekologa; gonne senkgwe sa bone, e tlaa nna sa bone sa go jelwa mo mpeng; ga se ketla se tsena mo ntlong ya ga Jehofa. 5Lo tlaa dirang mo motlheng wa modiro o o masisi, le mo motlheng wa modiro wa ga Jehofa? 6Gonne, bonang, ba tsamaile ba dule tshenyegong, le fa go ntse jalo Egepeto o tlaa ba kokoanya, Memefise o tlaa ba fitlha; dilo tsa bone tse dintle tsa selefera, sebabetsane se tlaa di rua; go tlaa nna mitlwa mo megopeng ya bone.
7 Metlha ya kgophololo e fitlhile, metlha ya tefetso e fitlhile; Iseraele o tlaa go itse; moperofeti ke lesilo, motho yo o nang le mowa o a tsenwa, ka ntlha ya bontsi jwa maikepo a gago, le ka ntlha ya go bo bobaba bo le bogolo. 8Eferaime e ne e le molebedi, a na le Modimo wa me; ka ga moperofeti, seru sa mothaya nonyane se mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le bobaba mo ntlong ya Modimo wa gagwe. 9 Ba ipodiseditse kwa teng, jaaka mo metlheng ya Gibea; o tlaa gakologelwa boikepo jwa bone, a kgopholola maleo a bone.
Sebe sa ga Iseraele le pheleletso
10 “Ke fitlhetse Iseraele a ntse jaaka difine mo nageng; ka bona borraeno jaaka mabutswapele mo mofeigeng mo motlheng wa one wa ntlha; mme ba tla mo go Baale-peore, ba itshwaela selo se se ditlhong, ba tswa se se ferosang sebete fela jaaka selo seo se ba se ratileng. 11Ka ga Baeferaime, kgalalelo ya bone e tlaa fofela koo jaaka nonyane; ga go ketla go nna botsalo, le fa e le ope yo o moimana, le fa e le yo o ithweleng. 12Le fa ba godisa bana ba bone, le fa go ntse jalo ke tlaa ba thukhutha, go ba go tlhoka le go sala ope. Ee, gape go a bo go latlhega bone mogang ke tlogang mo go bone.”
13Eferaime o tlhomilwe mo felong fa gontle, jaaka nkile ka bona Ture; mme Eferaime o tlaa ntshetsa babolai bana ba gagwe. 14Jehofa a ko o ba abele; o tlaa ba naya eng? Ba neye sebopelo se se senyegelwang, le mabele a a husitseng.
Katlholo ya Morena mo go Iseraele
15“Boikepo jotlhe jwa bone bo mo Gilegale; gonne ka ba ila gone, ka ntlha ya boikepo jwa ditiro tsa bone, ke tlaa ba leleka mo ntlong ya me. Ga nketla ke tlhola ke ba rata; dikgosana tsotlhe tsa bone ke dirukhutlhi fela. 16Eferaime o iteegile, modi wa bone o omeletse, ga ba ketla ba ungwa; ee, le fa ba ka belega, le fa go ntse jalo ke tlaa senya loumo lo lo rategang lwa sebopelo sa bone.”
Moperofeti o bua ka ga Iseraele
17Modimo wa me o tlaa ba latlha, ka ba se ka ba o reetsa; ba tlaa nna bakaidi fela mo merafeng.

Currently Selected:

HOSEA 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in