YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 10

10
1Iseraele ke mofine o o enneng thata, o o ungwang; o ntsifaditse dibeso tsa gagwe ka fa bontsing jwa loungo lwa gagwe; ba dirile ditshwantsho tse di setilweng tse dintle ka fa molemong wa lefatshe la bone. 2Dipelo tsa bone di kgaoganye; jaana ba tlaa fitlhelwa ba le molato; o tlaa itaya dibeso tsa bone, o tlaa thopa ditshwantsho tsa bone tse di emeng motloutlo.
3Ruri jaanong ba tlaa bo ba bua ba re: “Ga re na kgosi, gonne ga re boife Jehofa; mme kgosi yone e ka re direla eng?” 4Ba bua mafoko a boithamako fela, ba ikana ka maaka fa ba dira dikgolagano; ke gone ka moo tshekiso e tlaa tlhogang jaaka mogau mo ditemaneng tsa bolemo.
5Banni ba Samaria ba tlaa nna mo theregong ka ntlha ya dinamane tsa Bethafene; gonne batho ba teng ba tlaa go hutsafalela, le baperesiti ba teng ba ba kileng ba go itumelela, ka ntlha ya kgalalelo ya teng, ka e tlositswe. 6Le gone go tlaa isiwa kwa Asiria e le neo e e newang kgosi Jarebe. Eferaime o tlaa amogela ditlhong, le Iseraele o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke kgakololo e e leng ya gagwe. 7Ka ga Samaria, kgosi ya gagwe e okoletswe koo, jaaka lofulo mo metsing. 8 Le mafelo a a tlotlometseng a Afene, boleo jwa Iseraele, a tlaa senngwa; mitlwa le mofero di tlaa mela mo dibesong tsa bone; mme ba tlaa raya dithaba, ba re: “Re bipe,” le makhujana, ba re: “Re weleng godimo.”
Morena o itsise Iseraele ka ga katlholo ya gagwe
9 “Iseraele we, e sa le ka metlha ya Gibea o ntse o leofa fela, ba ne ba ntse ba eme gone; gore tlhabano e e tlhaselang bana ba boikepo e se ka ya ba tshwara mo Gibea. 10E tlaa re ke eletsa jalo ke tlaa ba otlhaya; mme ditšhaba di tlaa phuthegela go tlhabana nabo, mogang ba gokaganyeng le ditlolo tse pedi tsa bone.
11“Eferaime ke kgomo ya moroba e e rutilweng, e e ratang go photha mabele; mme ke beile jokwe mo thamong ya gagwe e ntle, ke tlaa baya mopalami mo go Eferaime; Juta o tlaa lema, Jakobe o tlaa thuba makote. 12 Ijaleleng mo tshiamong, lo robe ka fa boutlwelongbotlhoko; lo kgathe lefatshe la lona le le sa lengwang, gonne ke lobaka lwa go batla Jehofa, go tle go tsamaye a tle go lo nesetsa pula ya tshiamo. 13Lo lemile tshiamololo, lo robile boikepo; lo jele loungo lwa maaka. Gonne o ne wa ikanya tsela ya gago, le bontsi jwa diganka tsa gago, 14ke gone ka moo pheretlhego e tlaa tsogang mo bathong ba gago, dikago tsotlhe tsa gago tse di thata tsa tlhabanelo di tlaa gapiwa jaaka Shalemane a ne a thopa Betharebele mo motlheng wa tlhabano; mma bana o na a phatlakanngwa le bana ba gagwe. 15Bethele o tlaa lo direla jalo ka ntlha ya boikepo jo bogolo jwa lona; kgosi ya Iseraele e tlaa kgaolelwa ruri go le busabusa.”

Currently Selected:

HOSEA 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in