YouVersion Logo
Search Icon

GENESISE 5

5
Losika lwa ga Atame
(1 Ditiraf 1:1-4)
1 Lo, ke lone lokwalo lwa ditshika tsa ga Atame. Tsatsing le Modimo o tlhodileng motho ka lone, wa mo dira mo setshwanong sa one Modimo. 2 Wa tlhola nona le tshadi, wa ba segofatsa, wa ba raya leina wa re “Batho” ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone. 3Ya re Atame a sena go tshela dinyaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane yo o tshwanang nae, a ntse jaaka setshwano sa gagwe, a mo raya leina a re Sethe. 4Atame a re a sena go tshola Sethe, malatsi a gagwe a nna dinyaga di le 800, a tshola tshimane le tshetsana. 5Malatsi otlhe a Atame o tshedileng ka one e ne e le dinyaga di le 930, mme a swa.
6Sethe a tshela dinyaga di le 105, a tshola Enoše. 7Sethe a re a sena go tshola Enoše, a tshela dinyaga di le 807, a tshola tshimane le tshetsana. 8Malatsi otlhe a ga Sethe e ne e le dinyaga di le 912, mme a swa.
9Ya re Enoše a sena go tshela dinyaga di le 90, a tshola Kenane. 10Enoše a re a sena go tshola Kenane a tshela dinyaga di le 815, a tshola tshimane le tshetsana. 11Malatsi otlhe a ga Enoše e ne e le dinyaga di le 905, mme a swa.
12Ya re Kenane a sena go tshela dinyaga di le 70, atshola Mahalalele. 13Kenane a re a sena go tshola Mahalalele, a tshela dinyaga di le 840, a tshola tshimane la tshetsana. 14Malatsi otlhe a ga Kenane e ne e le dinyaga di le 910, mme a swa.
15Mahalalele a tshela dinyaga di le 65, a tshola Jarete. 16Mahalalele a re a sena go tshola Jarete, a tshela dinyaga di le 830, a ba a tshola tshimane le tshetsana: 17Malatsi otlhe a ga Mahalalele a ne e le dinyaga di le 895, mme a swa.
18Jarete a tshela dinyaga di le 162, mme a tshola Enoke. 19Jarete a re a sena go tshola Enoke, a tshela dinyaga di le 800, ke fa a tshola tshimane le tshetsana. 20Malatsi otlhe a ga Jarete e ne e le dinyaga di le 962, mme a swa.
21Enoke a tshela dinyaga di le 65, mme a tshola Methusela. 22Enoke a re a sena go tshola Methusela, a sepela le Modimo dinyaga di le 300, a tshola tshimane le tshetsana. 23Malatsi otlhe a ga Enoke e ne e le dinyaga di le 365. 24 Enoke a sepela le Modimo; mme a tlhokafala, gonne Modimo o ne o mo tshotse.
25Methusela a tshela dinyaga di le 187, mme a tshola Lameke. 26Methusela a re a sena go tshola Lameke, a tshela dinyaga di le 782, a tshola tshimane le tshetsana. 27Malatsi otlhe a ga Methusela e ne le dinyaga di le 969, mme a swa.
28Lameke a tshela dinyaga di le 182, mme a tshola ngwana wa mosimane. 29A mo raya leina a re: Noa; a re: “Yo, o tlaa re gomotsa ka ga tiro ya rona, le ka ga letsapa la diatla tsa rona, ka ntlha ya mmu o Jehofa o o hutsitseng.” 30Lameke a re a sena go tshola Noa, a tshela dinyaga di le 595, a tshola tshimane le tshetsana. 31Malatsi otlhe a ga Lameke e ne e le dinyaga di le 777, jalo a swa.
32E rile Noa a le dinyaga di le 500, a tshola Sheme, le Hame le Jafethe.

Currently Selected:

GENESISE 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy