YouVersion Logo
Search Icon

GENESISE 4

4
Kaine le Abele
1Monna a itse Efa mosadi wa gagwe; a nna moimana a bona Kaine, a re: “Ke bonye monna ka thuso ya ga Jehofa.” 2Gape a bona Abele, monnawe. Abele e ne e le modisa wa dinku, Kaine e le molemi. 3E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo. 4 Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe; 5a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa. 6Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng? 7A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.”
8 Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya.
9Jehofa a raya Kaine a re: “Abele monnao, o kae?”
A araba a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”
10 Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung. 11Jaanong o hutsitswe ke mmu, o o atlhamolotseng molomo wa one, go tsenya madi a ga monnao, a tswa seatleng sa gago. 12E tlaa re o lema mmu, ga o ketla o tlhola o go ntshetsa thata ya one; o tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng.”
13Kaine a raya Jehofa a re: “Petso ya me e feta mo nka go itshokelang. 14Bona, gompieno o ntelekile mo lefatsheng, le sefatlhogo sa gago ke tlaa bo ke se fitlhegetse. Ke tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng, mme go tlaa dirala gore mongwe fela yo o mponang a mpolaye.”
15Jehofa a mo raya a re: “Ke gone le fa e le mongwe fela yo o tlaa bolayang Kaine, o tlaa busolosiwa gasupa.” Mme Jehofa a tlhomela Kaine sekao, e se re gongwe mongwe a mmona a mmolaya. 16Kaine a tswa fa pele ga Jehofa, a aga mo lefatsheng la Note, go pota Etene ka fa botlhabatsatsi.
Losika lwa ga Kaine
17Kaine a itse mosadi wa gagwe, a nna moimana, a bona Enoke. A aga motse, a reelela motse leina la ga morwawe, a re ga Enoke. 18Enoke a tshola Irate; Irate a tshola Mehujaele; Mehujaele a tsala Methušaele; Methušaele a tsala Lameke. 19Lameke a tsaya basadi ba le babedi: leina la mongwe go twe, Ata, le leina la yo mongwe go twe, Sila. 20Ata a bona Jabale; ene e ne e le rraabone ba ba nnang mo ditenteng, ba na le dikgomo. 21Leina la ga monnawe go ne go twe Jubale, ene e ne e le rra botlhe ba ba letsang harepe le lotlhaka. 22Sila, le ene a bona Tubalekaine, e le mothudi wa ditshipi tse di segang, tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Tubalekaine e ne e le Naama.
23Lameke a raya basadi ba gagwe a re:
“Ata le Sila,
utlwang lentswe la me:
Lona basadi ba ga Lameke,
lo reetse puo ya me,
gonne ke bolaile monna
ka a ne a ntlhabile,
le lekau
ka le ne le nkgolafaditse.
24 E ka re fa Kaine
a tlaa busolosediwa gasupa,
ruri Lameke ene
o tlaa busolosediwa gamasome a
supa le metso e supa.”
Losika lwa ga Sethe le Enoše
25Atame a itse mosadi wa gagwe gape; mme a bona ngwana wa mosimane, a mo naya leina a re, Sethe. Mosadi a bua a re: “Modimo o ntaoletse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele; gonne Kaine o ne a mmolaile.” 26Sethe le ene a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina, a re, Enoše. Mo lobakeng loo batho ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.

Currently Selected:

GENESISE 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy