YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 3

3
1 Ke gone ka moo, e rile re retelelwa ke go tlhola re itshokile, ra kaya fa go ka nna molemo go tlogelwa mo Athene re le rosi; 2mme ra roma Timotheo mokaulengwe wa rona, le modiredi wa Modimo mo Mafokong a a Molemo a ga Keresete, gore a ye go lo tlhomamisa, le go lo gomotsa ka ga tumelo ya lona; 3gore ope a se ka a tshikinngwa ke dipitlagano tse; gonne lona ka losi lo a itse fa re laoletswe gone moo. 4Gonne le gale, e rile re sa na le lona ra lo bolelela gale fa re na le go boga pitlagano, fela jaaka go dirafetse, e bile le lona lo a itse. 5Ka ntlha ya moo, le nna, e rile ke retelelwa ke go tlhola ke itshokile, ka roma gore ke itse tumelo ya lona, e se re kgotsa moraedi a ba a bile a lo raetse, le tiro ya rona ya nna lefela.
6 Mme e rile Timotheo a sena go tla fela, jaana a re tswela koo go lona, mme a re leretse mafoko a a itumedisang a tumelo ya lona le lorato, le gore lo sa ntse lo re gakologetswe ka molemo ka metlha yotlhe, lo ntse lo tlhologeletswe go re bona, fela jaaka le rona re tlhologeletswe go bona lona. 7Ka ntlha ya gone moo, bagaetsho, ra gomotsega ka ga lona mo tlalelong ya rona yotlhe le pitlagano, ka tumelo ya lona, 8gonne jaana re a tshela, fa lona lo eme lo tiile mo Moreneng. 9Gonne tebogo e ka nna efe e re ka bong re e ntshetsa Modimo, ka ntlha ya boitumelo jotlhe jo re itumelang ka jone ka ga lona fa pele ga Modimo? 10Re ntse re rapela segolo thata bosigo le motshegare, gore re ke re lo bone difatlhogo, re swetse mo go sa ntseng go tlhaetse ga tumelo ya lona.
11Jaana Modimo le Rra wa rona ka esi, le Morena wa rona Jesu, o ka ka a re siamisetsa tsela go ya koo go lona. 12A Morena a dire mo go lona gore lo gole, lo totafale mo go rataneng, le mo go rateng batho botlhe, fela jaaka le rona re ntse ka ga lona; 13gore a tle a tlhomamise dipelo tsa lona mo go senang molato, mo boitshepong fa pele ga Modimo le Rra wa rona, mo go tleng ga Morena wa rona Jesu, a tla le baitshepi botlhe ba gagwe.

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy