DIPESALEME 98
98
Mogolodi wa badumedi le moatlhodi wa lefatshe
1Pesalome.
Opelelang Morena sefela se sešwa;
gonne o dirile
dilo tse di gakgamatsang.
O fenya ka seatla se se jang,
e bong ka letsogo la gagwe
le le boitshepo.
2 Morena o utlwaditse
pholoso ya gagwe,
a senolela matlho a ditšhaba
tshiamo ya gagwe.
3O gopotse bopelontle jwa gagwe
le boikanyo jwa gagwe
mo Baiseraeleng;
dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe
di bonye pholoso
ya Modimo wa rona.
4Dudueletsang Morena,
lona ba lefatshe lotlhe;
ponyegang, lo ipele, lo opele.
5Opelelang Morena ka katara,
ka katara le mantswe a kopelo.
6Duduetsang ka diphala
le tumo ya dinaka
fa pele ga Morena yo e leng kgosi.
7A lewatle le gwase
le tse di tletseng mo go lone,
le lefatshe le ba ba agileng
mo go lone.
8A dinoka di ope diatla
le dithaba di pate ka maipelo
9fa pele ga Morena.
Gonne o e tla go atlhola lefatshe.
O tla atlhola lefatshe ka tshiamo,
le batho ka tshwanelo.
Currently Selected:
DIPESALEME 98: TSW70
Highlight
Share
Copy

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.