YouVersion Logo
Search Icon

DIPESALEME 97

97
Go busa Morena
1 Morena ke kgosi;
a lefatshe le duduetse;
a ditlhakatlhake tse dintsi
di itumele.
2Maru le lefifi di mo dikanyeditse;
tshiamo le molao ke mothao
wa sedulo sa gagwe sa bogosi.
3Molelo o mo eteletse pele;
o nyeletsa baba ba gagwe
tikologong.
4Dikgadima tsa gagwe
di bonesa lefatshe;
lefatshe le a di bona,
e bile le a roroma.
5Dithaba di gakologa
fa pele ga Morena
jaaka mmotu wa dinotshe,
fa pele ga Morena
wa lefatshe lotlhe.
6Magodimo a bolela tshiamo
ya gagwe
le batho botlhe
ba bona kgalalelo ya gagwe.
7A ba tlhajwe ke ditlhong botlhe
ba ba direlang ditshwantsho,
ba ba ipokang ka medimo
e e seng yona.
Medimo yotlhe e a mo obamela.
8Sione o a utlwa, o a itumela;
bomorwadia Juta ba ipelela
dikatlholo tsa gago, Morena.
9Gonne wena Morena
o Mogodimodimo
yo o okameng lefatshe lotlhe;
o mogolo bogolo go medimo
yotlhe.
10Ba lo ratang Morena,
tlhoang bosula;
o boloka mewa ya badumedi
ba gagwe,
o ba pholosa
mo diatleng tsa baikepi.
11Lesedi le tlhabetse mosiami,
le boitumelo bo bonaletse
ba ba dipelo di thokgameng.
12Lona basiami,
itumeleleng Morena,
lo bake leina la gagwe
le le boitshepo.

Currently Selected:

DIPESALEME 97: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in