YouVersion Logo
Search Icon

DIPESALEME 125

125
Phemelo ya Iseraele
1Sefela sa go ya Tempeleng.
Ba ba ikanyang Morena,
ba tshwana le thaba ya Sione
e e sa reketleng,
e e tlhomameng ka bosakhutleng.
2Jerusalema o dikanyeditswe
ke dithaba;
Morena o dikanyeditse
batho ba gagwe jalo
go tloga jaanong
le go ya bosakhutleng.
3Gonne thobane
ya bogosi ya boikepo
ga e kitla e nna
mo kabelong ya basiami,
gore basiami ba se ka ba otlololela
diatla kwa bosuleng.
4 Morena, bona ba ba molemo
le ba ba dipelo tsa nnete
o ba direle molemo.
5Mme ba ba fapogelang
mo ditseleng tse di kgopo tsa bona,
Morena o tla ba lesa
go ya tatlhegong
mmogo le ba ba dirang boikepo.
A kagiso e nne le Iseraele!

Currently Selected:

DIPESALEME 125: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

Video for DIPESALEME 125