YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 9

9
Botlhale le Bosilo
1Botlhale bo agile ntlo ya jona, jwa emisa maotwana a yona a supa, 2jwa tlhaba dikgomo tsa jona, jwa tlhakanya weine ya jona, jwa baakanya lomati lwa bojelo lwa jona, 3jwa roma basetsana ba jona, ba laletsa ba le fa mebotong e e okameng motse ba re: 4“Yo o sa tlhalefang, a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo bo mo raya bo re: 5“Tlayang lo je dijo tsa me, lo nwe weine e ke e tlhakantseng! 6Tlogelang bosilo gore lo phele; lo sepele mo tseleng ya tlhaloganyo.”
7Yo o kgalemelang mosotli o iponna ditlhong fela; yo o bolelelang moikepi nnete o itshela sebala sa gagwe. 8Se kgalemele mosotli, e se re gongwe a go tlhoa; kgalemela yo o botlhale, o tla go rata. 9Naya yo o botlhale, o tla tlhalefela pele; ruta mosiami, o tla rutegela pele.
10Tshimologo ya botlhale ke go boifa Morena; go itse Moitshepi ke yona tlhaloganyo. 11Gonne malatsi a gago a tla ntsifala ka nna; o tla okelediwa dinyaga tsa bophelo ke nna. 12Fa o le botlhale, o tla thusega ka jona; fa o sotlile o tla rwala molato o le wesi.
13Mosadi yo o bidiwang Bosilo o a tlhodia, o a raela; ga a itse ditlhong. 14O ntse fa mojakong wa ntlo ya gagwe mo sedulong kwa mebotong ya motse 15gore a laletse ba ba fetang mo tseleng, ba ba tlhamaletseng mo ditselaneng tsa bone, a re: 16“Yo o sa tlhalefang a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo a mo raya a re: 17“Metsi a a utswitsweng a monate; senkgwe sa sephiri se a natefa.” 18Mme yo o sa tlhalefang ga a itse fa baswi ba le gona; fa ba ba laleditsweng ke ene Bosilo ba le kwa matennye a felo ga baswi.

Currently Selected:

DIANE 9: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in