YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 8

8
Poko ya botlhale
1A botlhale ga bo kue?
A tlhaloganyo ga e tlhatlose
lentswe la yona?
2Bo eme mo mebotong
e e okameng tsela
le mo makgabaganong
a ditselana.
3Bo kua fa thoko
ga dikgoro tsa motse;
fa pele ga dikgorwana
bo kuela godimo bo re:
4“Heelang banna!
Ke bitsa lona;
lentswe la me le raya lona
bana ba batho.
5Lona ba lo sa tlhalefang
ithuteng botlhale;
lona masilo,
ithuteng tlhaloganyo!
6Utlwang, gonne ke tla bolela
dikgang tota,
ke tumolola molomo
go bua tse di siameng.
7Ee, magalapa a me
a bua nnete,
mme dipuo tsa boikepo
ke maila mo go nna.
8Mafoko otlhe a molomo
wa me a siame;
ga go na bolotsana
le fa e le tshokamo mo go ona.
9A utlwala sentle fela otlhe
mo go yo o a tlhaloganyang;
yo o bonyeng kitso a re:
Ke a nnete.
10Amogelang kgalemelo ya me,
mme e seng selefera;
le kitso bogolo go gouta
e e tlhaotsweng.
11Gonne botlhale bo molemo
bogolo go dibaga tsa korale;
dilo tse dintle tsotlhe
ga di lekane najo.
12Nna Botlhale ke tlwaelanye
le Tlhaloganyo;
kitso le kelelelo ke na natso.
13Go boifa Morena
ke go ila bosula.
Ke tlhoile boikgogomoso
le boikgodiso
le tsamao e e bosula
le molomo o o bolotsana.
14Kgakololo le botswerere
di mo go nna;
ke na le kutlwisiso le thata.
15Dikgosi di busa ka nna;
beng ba thata ba baya melao
e e siameng ka nna.
16Dikgosana di laola ka nna,
le batlotlegi le baatlhodi
botlhe ba lefatshe.
17Ke rata ba ba nthatang;
ba ba mpatlang ka tlhoafalo
ba tla mpona.
18Khumo le tlotlo di mo go nna
le leruo le le tlhomameng
le tshiamo.
19Leungo la me le gaisa gouta,
ee, gouta e e itshekileng;
se ke se ruisang motho
se phala selefera
e e tlhaotsweng.
20Ke sepela mo tseleng
ya tshiamo,
ke tsamaya ditselana
tsa molao fa gare
21gore ke jese banthati
boswa jo bo tlhomameng,
ke ba tlaletse matlo
a mahumo.
22 Morena o ntirile
mo tshimologong
ya ditsela tsa gagwe,
ka nna wa ntlha wa ditiro
tsa gagwe bogologolo.
23Ke sa le ke tlholwa kgale
mo tshimologong
pele ga metlha ya lefatshe.
24E rile go se na mawatle,
go se na metswedi
e e tletseng metsi, ka tsalwa.
25Ya re dithaba di ise di theiwe,
dithota di ise di nne teng,
ka tsalwa.
26Ke fa Morena a ise a dire
lefatshe le dinaga
le fa e le tshimologo
ya mebu ya lefatshe.
27Ya re a ala legodimo,
ka bo ke le gona;
ya re a tlhoma tikologo
ya loapi
mo godimo ga mawatle
28ya re a bofelela maru
kwa godimo,
ya re a tswedisa metswedi
ya mawatle thata,
29ya re a beela lewatle
molelwane wa lone
gore metsi a se ka a tlola taolo
ya gagwe
ya re a baya metheo
ya lefatshe,
30ka bo ke na nae ke le ngwana
ka itumela ka letsatsi
le letsatsi,
ka nna ka tshameka fa pele
ga gagwe ka metlha yotlhe.
31Ka tshanoka mo tikologong
ya lefatshe la gagwe,
ka itumelela baba ba batho.
32Ka moo he, nkutlweng,
bomorwaaka;
go tlhogonolo ba ba sepelang
mo ditseleng tsa me.
33Utlwang thuto, lo tlhalefe;
lo se ka lwa e tlhokomologa.
34Go sego motho yo o nkutlwang,
a leta fa dikgorong tsa me
ka malatsi otlhe,
a disa mepakwana
ya mejako ya me.
35Gonne yo o mponang
o bona bophelo,
a itumelelwa ke Morena.
36Mme yo o mphosang
o a itshenyetsa ka esi;
botlhe ba ba ntlhoileng
ba rata loso.”

Currently Selected:

DIANE 8: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in