YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 20

20
1Weine ke mosotli, bojalwa ke motsosa-loratla; botlhe ba ba theekelang ka tsona ga ba botlhale.
2Mafoko a kgosi a a tshosang a tshwana le go bôpa ga tawana; yo o e gakatsang o itshenyetsa bophelo.
3Go nna kgakala le phapaang ke tlotlo ya monna, mme seeleele sengwe le sengwe se simolola ntwa.
4Motlapa ga o leme mariga; mme e tle e re mo kotulong a batle dijo, o se ke o bone sepe.
5Maikaelelo a pelo ya monna ke metsi a bodiba; a giwa ke monna yo o tlhalefileng.
6Batho ba bantsi ga twe ba lorato, mme ke mang yo o bonang monna yo o ikanyegang?
7Mosiami yo o sepelang mo poifong-Modimo bana ba gagwe ba tla nna tlhogonolo sehularong sa gagwe.
8Kgosi e e ntseng mo sedulong sa katlholo e a fefera, e tlosa bosula jotlhe ka matlho a yona.
9Ke mang yo o ka reng: “Ke tlhapile pelo, ke itshekile, ga ke na boleo”?
10Bobedi jwa dilekanyetso le jwa dielo tse di tsietsang ke maila fa pele ga Morena ka bobedi jwa tsona.
11Le ene mosimane o a tle a ipontshe ka ditiro tsa gagwe, fa maitsholo a gagwe e le a a phepa le a nnete gongwe nnyaya.
12Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang, Morena o di dirile ka bobedi jwa tsona.
13Se rate boroko, e se re gongwe wa humanega; buduloga matlho, foo o tla kgora dijo.
14Moreki o a tle a re: “Ga di a siama! Ga di a siama!” Mme e re a sena go tsamaya, a ipoke.
15Le fa go na le gouta le bontsi jwa ditalama tsa dikorala, tseo tsotlhe di phalwa ke molomo o o botlhale.
16Mo amoge kobo ya gagwe, gonne o ipofile go lefela yo mongwe; mo tsee a nne peeletso mo boemong jwa baeng.
17Dijo tsa tsietso di monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlala makgwarana.
18Maano a tla tlhomama ka kgakololano; dira ntwa ka tsamaiso ya botlhale.
19Mosenya-leina o bolela tse o di sebetsweng; ka moo se tlwaelane le mmuabui.
20Yo o rogang rraagwe gongwe mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tla tima mo nakong ya lefifi.
21Boswa jo bo batlwang ka potlako mo tshimologong bo tla tlhoka tshegofatso mo bokhutlong.
22Se re: “Ke tla ipusolosetsa bosula!” Letela Morena, o tla go thusa.
23Makete a mabedi ke maila Moreneng; selekanyetso sa tsietso ga se a siama.
24 Morena ke ene o tsamaisang dikgato tsa monna; motho o ka tlhaloganya jang tsela ya gagwe?
25Ke seru mo mothong, fa a itlhaganela a re: “Ke tla se naya Morena,” mme e re a sena go ikana jalo e be e le gona a ikakanyang.
26Kgosi e e botlhale e fefera baikepi, e tsamaisa leotwana le le phothang mo go bone.
27Mowa wa motho ke lobone lwa Morena lo lo tlhotlhomisang dikarolo tsotlhe tsa mmele.
28Lorato le boammaaruri di boloka kgosi; e tshegetsa sedulo sa yona sa bogosi ka lorato.
29Bontle jwa makau ke thata ya ona; mokgabo wa banna bagolo ke tlhogo tse dipududu.
30Dintho tse di tswang madi di tlhabolosa modira-bosula; dikotlo di tlhabolosa maikutlo a mmele.

Currently Selected:

DIANE 20: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in