YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 18

18
1Yo o ikgaoganyang le ba bangwe o batla boithatelo fela; o lwantsha tsotlhe tse di tsweletsang pele.
2Lesilo ga le kgatlhwe ke tlhaloganyo, mme le rata go senola pelo ya lone.
3Fa go tla moikepi, le nyatso e tla nae le nyatsego e e bapileng le kgobo.
4Mafoko a monna wa nnete ke metsi a bodiba, ke noka e e elang, ke motswedi wa botlhale.
5Go goga le moikepi ga go a siama, le e seng go siamololela mosiami mo tshekong.
6Molomo wa lesilo o tsosa ntwa; molomo wa lone o ipiletsa dithupa.
7Molomo wa lesilo o le isa tatlhegong molomo wa lone ke seru se se thaisang bophelo jwa lone.
8Mafoko a mosenya-leina a tshwana le dijo tse di mafura tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe.
9Le ene yo o botlapa mo tirong ya gagwe ke monnaa mosenyi.
10Leina la Morena ke phemelo e e tiileng; mosiami o tshabela teng a sirelediwa.
11Khumo ya mohumi ke motse o o femetsweng mo go ene, ke lobota lo lo godimo mo megopolong ya gagwe.
12Boikgodiso jwa pelo ya motho bo etelela tatlhego ya gagwe pele, mme boikokobetso bo latelwa ke tlotlego.
13Fa motho a araba a ise a utlwe potso, ke bosilo le ditlhong mo go ene.
14Monna yo o pelokgale o itshokela bolwetse jwa gagwe; mme mowa o o imetsweng, ke mang yo o ka o tsosang?
15Pelo ya motlhalefi e ntse e ithutela pele; ditsebe tsa matlhale di batla kitso.
16Neo e motho o e ntshang e mmulela tsela, e mo fitlhisa fa pele ga ba bagolo.
17Mmegi wa molato e kete o siame mo tshekong ya gagwe, mme go tla tla mongwe-ka-ene a mmotsolotsa.
18Tengwa e khutlisa diphapaang, e kgaoganya ba ba thata.
19Morwa motho yo o leofetsweng o thata bogolo go motse o o femetsweng; letlhoo le tshwana le phemelo ya ntlo ya borena.
20Mpa ya motho e tla kgora leungo la molomo wa gagwe; o tla kgora kotulo ya tse a di jwetseng ka molomo wa gagwe.
21Loso le bophelo di mo thateng ya loleme; ba ba ratang go bua ka lone ba tla ja leungo la lone.
22Yo o bonyeng mosadi o bonye se se molemo; o filwe tlhogonolo ke Morena.
23Mohumanegi o bua ka mokokotlelo, mme mohumi o araba ka bopeloethata.
24Balekane ba motho ba ka mo isa mo tatlhegong; mme go ka nna le tsala e e kgomarelang motho bogolo go morwa-rraagwe.

Currently Selected:

DIANE 18: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in