YouVersion Logo
Search Icon

BAKOLOSE 4

4
1Lona beng ba batho, nayang batlhanka ba lona se se siameng, se se ba tshwanetseng, ka lo itse gore le lona lo na le Morena mo legodimong.
Kaelo ya go rapela le ya go tshela ka botlhale
2Tswelelang mo thapelong, lo nne lo thantse mo go yona ka tebogo. 3Le rona lo nne lo re rapelele gore Modimo o re bulele lobati lwa Lefoko gore re bolele bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo e bileng ke bo golegetswe, 4gore ke tle ke bo senole, jaaka go ntshwanetse go bua.
5Tsamayang ka botlhale fa pele ga bone ba ba kwa ntle, lo sole sebaka molemo. 6A ka metlha yotlhe mafoko a lona e nne a bopelontle, a a lokilweng ka letswai, gore lo itse ka fa lo tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka teng.
Go rongwa ga Tigiko le Onesimo. Ditumediso
7Tsotlhe tsa botshelo jwa me lo tla di itsisiwe ke Tigiko, mokaulengwe yo o rategang, modiredi yo o boikanyo, motlhanka-ka-nna mo Moreneng, 8yo ke mo rometseng koo go lona ka ntlha ya moo gore lo itse ka fa re tshelang ka teng, mme a gomotse dipelo tsa lona, 9a na le Onesimo, mokaulengwe yo o boikanyo yo o rategang, yo e leng mongwe wa ga lona; ba tla lo itsise tsotlhe tsa mono.
10Aristarego, mogolegwi-ka-nna, o a lo dumedisa, le Mareko, ntsalaa Baranaba – yo lo amogetseng ditaetso ka ga gagwe. E re fa a ka tla koo go lona, lo mo tshole – 11le Jesu yo o bidiwang Juseto. Ba thupiso ke bone fela ba e leng badiri-ka-nna mo pusong ya Modimo; ba diregile kgomotso ya me.
12Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo; 13gonne ke supa ka ga gagwe gore o itapisa thata ka ntlha ya lona le ka ntlha ya bone ba kwa Laodikea le ba kwa Hierapoli. 14Luka, ngaka e e rategang, le Demase ba a lo dumedisa.
15Dumedisang bakaulengwe ba kwa Laodikea, le ene Nimfa le phuthego ya ntlo ya gagwe. 16E re fa lokwalo loo lo sena go buisiwa mo go lona, dirang gore lo buisiwe le mo phuthegong ya Laodikea, mme le lona lo buise lwa Laodikea. 17Rayang Aregipo lo re: “Tlhokomela tirelo e o e amogetseng mo Moreneng, o e dirafatse.”
18Tumediso ya me, ke le Paulo ke eo, ke e kwadile ka letsogo la me. Gopolang kgolego ya me. A bopelotlhomogi bo nne le lona! Amen.

Currently Selected:

BAKOLOSE 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in