YouVersion Logo
Search Icon

BAKOLOSE 3

3
Kaelo ya go ineela go itshepisiwa le ya go ratana
1Fa jaanong lo tsositswe le Keresete, batlang he tse di kwa godimo, kwa Keresete a leng teng, a ntse ka fa letsogong le le jang la Modimo. 2Gopolang dilo tse di kwa godimo, e seng tse di mo lefatsheng; 3gonne lo sule, mme botshelo jwa lona bo fitlhegile le Keresete mo Modimong. 4E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong.
5Jaanong he bolayang ditokololo tsa lona tsa lefatshe, e bong boaka le maswe le go fisiwa ke keletso le kgatlhego e e bosula le megagaru e e leng go direla medimo e sele, 6tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba sa utlweng ka ntlha ya tsona. 7Le lona lo kile lwa tsamaya mo go tsona, jale fa lo sa ntse lo tshela mo go tsona.
8Mme jaanong le lona, latlhang tsotlhe tseo, e bong bogale le kgakalo le bosula le kgalo; mme dipuo tsa ditlhong di se tlhole di tswa mo melomong ya lona. 9Se aketsanyeng, ka lo apotse motho yo mogologolo le ditiro tsa gagwe, 10mme lo apere motho yo mošwa yo o ntšhwafalediwang kitso ka fa setshwanong sa ona o o mo tlhodileng, 11mo go sa ka keng ga dira Mogerika le Mojuta, bogwera le bokgola, botho seeng le Bosethia jo e leng botho sephologolo, lekgoba le mogololesegi; mme Keresete ke ene bojotlhe, o bile o mo go botlhe fela.
12Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele; 13lo itshokelane, lo itshwarelane fa mongwe a ledisiwa ke molato wa yo mongwe; itshwareleng jaaka Morena le ene a lo itshwaretse. 14Mo godimo ga tsotlhe tseo lo apare lorato lo e leng sebofo sa botlalo. 15A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona e lo e bileditsweng mo mmeleng o le mongwe fela, mme lo nne ba ba lebogang. 16A Lefoko la ga Keresete le age mo go lona segolo ka botlhale jotlhe, lo rutane, lo kgothatsanye ka dipesalome le difela tsa pako le dikopelo tsa mowa, lo opelele Modimo ka tebogo mo dipelong tsa lona. 17Mme le fa e le eng se lo se dirang ka puo gongwe ka tiro, dirang tsotlhe mo leineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.
Melao ya lelapa
18Lona basadi, ikokobeletseng banna ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng.
19Lona banna, ratang basadi ba lona, mme lo se ka lwa ba gakalela.
20Lona bana, utlwang bagolo mo dilong tsotlhe; gonne moo go kgatlha Morena.
21Lona borra-bana, lo se tshwenye bana ba lona, gore ba se kgobege marapo.
22Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka fa nameng mo dilong tsotlhe, e seng ka go ba direla matlhong jaaka ba ba kgatlhang batho, mme a e nne ka bopelophepa ka go boifa Morena. 23Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka pelo yotlhe, jaaka e le go direla Morena, e seng batho, 24ka lo itse gore lo tla amogela boswa mo Moreneng e le tuelo. Kana lo direla Morena Keresete. 25Gonne yo o dirang tshiamololo o tla busediwa tshiamololo e a e dirileng, mme go gobelelela motho ga go teng mo Modimong.

Currently Selected:

BAKOLOSE 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in