YouVersion Logo
Search Icon

2 DIKGOSI 3

3
Ntwa ya Baiseraele le Bamoabe
1Jorame morwa Ahabe a simolola go busa Iseraele kwa Samaria ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Josafate kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le 12. 2A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela e seng jaaka rraagwe le mmaagwe, ka a ne a tlosa lefika le le motloutlo la ga Baale le rraagwe o neng a le dirile. 3Fela a nna a kgomarela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele; a se ka a a tlogela.
4Mme Meša kgosi ya Moabe e ne e le morui wa dinku; a kgethela kgosi ya Iseraele dikwana di le 100 000 le boboa jwa diphelehu di le 100 000. 5Fela e rile Ahabe a sena go swa, kgosi ya Moabe ya ikepa mo kgosing ya Iseraele. 6Ke fa kgosi Jorame a bolola kwa Samaria ka sebaka seo, a bala Baiseraele botlhe. 7A ba a roma kwa go Josafate kgosi ya Juta a re: “Kgosi ya Moabe e ikepile mo go nna. A o tla ya le nna go tlhabana le Bamoabe?” A araba a re: “Ke tla bolola, nna jaaka wena le morafe wa me jaaka morafe wa gago le dipitse tsa me jaaka dipitse tsa gago.” 8A ba a botsa a re: “Re ka bolola ka tsela efe?” A araba a re: “Ka tsela ya sekaka sa Etomo.”
9Ga ya kgosi ya Iseraele le kgosi ya Juta le kgosi ya Etomo; mme ya re ba sena go potologa ka leeto la malatsi a supa, ga tlhokafala metsi a mephato le a diruiwa tse di e setseng morago. 10Ke fa kgosi ya Iseraele e re: “Ijoo! Kana Morena o biditse dikgosi tse tharo tse go di neela mo diatleng tsa Bamoabe!”
11Mme Josafate kgosi ya Juta a botsa a re: “A ga go na moporofeti wa Morena fano gore re botse Morena ka ene?” Mongwe wa batlhanka ba kgosi ya Iseraele a araba a re: “Elisa morwa Safate ke yo; ke ene yo o neng a tshela metsi mo diatleng tsa ga Elia. ”
12Josafate a re: “Lefoko la Morena le mo go ene.” Mme kgosi ya Iseraele le Josafate le kgosi ya Etomo ba ya kwa go ene.
13Mme Elisa a raya kgosi ya Iseraele a re: “Ga ke na sepe nao! Yaa kwa baporofeting ba ga rraago le ba ga mmaago.” Mme kgosi ya Iseraele ya mo araba ya re: “Nnyaya tlhe! Kana Morena o biditse dikgosi tse tharo tse go di neela mo diatleng tsa Bamoabe.”
14Elisa a ba a re: “Ka bophelo jwa Morena wa masomosomo yo ke mo direlang, fa nka bo ke sa tlotle sefatlhego sa ga Josafate kgosi ya Juta, nka bo ke sa go lebe le e seng go go tsaya tsia. 15Jaanong he, ntlisetsang moletsi.” Mme ya re moletsi a letsa, seatla sa Morena sa nna mo go ene. 16A ba a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Epang dikgatampi mo molapong ono.’ 17Gonne Morena o bua jaana a re: ‘Ga lo ne lo bona phefo, ga lo ne lo bona pula, mme molapo o o tla tlala metsi, mme lo tla nwa lona le mephato ya lona le diruiwa tsa lona.’ 18Mme go re jalo ga go ise go lekane mo matlhong a Morena; le gona o tla neela Bamoabe mo diatleng tsa lona, 19mme lo tla thopa metse yotlhe e e femetsweng le metse yotlhe e e tlhaotsweng, lo rema ditlhare tse dintle tsotlhe, lo thiba metswedi ya metsi yotlhe, lo senya masimo otlhe a a siameng ka majwe.”
20Ka nnete ka moso ka nako ya tshupelo ya dijo ba bona metsi a tlhaga ntlheng ya Etomo, mme naga ya tlala metsi.
21Mme e rile Bamoabe botlhe ba utlwa go twe: “Dikgosi tsele di bolotse go tlhabana le lona,” ga kuiwa botlhe ba ba itlamang ka moitlamo le bomogoloa-bone, mme ba ema fa molelwaneng. 22Ya re ba phakela, mme letsatsi le galalela mo metsing, Bamoabe ba lebaganye nalo, ba bona metsi a le mahibidu, e kete madi. 23Ke fa ba re: “Ke madi! Tota dikgosi di tlhaselanye, tsa bolayana. Jaanong he, Bamoabe, a re yeng thopong!”
24Mme ya re ba fitlha kwa bothibelelong jwa Baiseraele, Baiseraele ba bothologa, ba fenya Bamoabe mo ba bileng ba tshaba fa pele ga bone. Baiseraele ba nna ba tsenelela mo nageng ya bone ba ba bolaya. 25Ba diga metse, masimo otlhe a a molemo mongwe le mongwe a latlhela lentswe la gagwe mo go ona, ba a tlatsa majwe, ba thiba metswedi yotlhe ya metsi, ba rema ditlhare tsotlhe tse dintle, ga sala motse wa Haresethe o le osi fela, mme beng ba diragamajwe ba o dikanyetsa ba o konopa.
26Mme e rile kgosi ya Moabe e bona tlhabano e e palela, ya tsaya banna ba le 700 ba ba somolang tšhaka nayo, ya re e ya go sutlha fa kgosing ya Etomo, mme ba palelwa. 27Ke fa e tsaya morwaa-yona yo mogolo yo o neng a tla nna kgosi mo boemong jwa yona, e mo dira setlhabelo sa phiso mo godimo ga lobota. Jaanong bogale jo bogolo jwa wela Baiseraele, mme ba e tlogela, ba boela kwa lefatsheng la bone.

Currently Selected:

2 DIKGOSI 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy