YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 1

1
Tumediso
1Nna Paulo le Silefano le Timotheo re kwalela phuthego ya Thesalonika e e mo go Modimo Rara le mo go Morena Jesu Keresete:
A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!
Maungo a Efangele kwa Thesalonika le boikanyego jwa phuthego ya teng
2Re leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona lotlhe, re ntse re lo gopola mo merapelong ya rona. 3Ga re khutle go gopola tiro ya lona ya tumelo fa pele ga Modimo Rraetsho le matsapa a lona a lorato le tshwarelelo ya lona ya go solofela mo go Morena wa rona Jesu Keresete, 4ka re itse go tlhaolwa ga lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Modimo; 5gonne Efangele ya rona ga e a ka ya tla koo go lona ka mafoko fela, mme e tsile le ka thata le ka Mowa o o Boitshepo le ka tlhomamo e kgolo, jaaka lo itse ka fa re neng re le mo go lona ka teng ka ntlha ya lona. 6Mme lo ne lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, lwa amogela Lefoko mo pitlaganong e kgolo ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng o o Boitshepo, 7mo lo bileng lwa nna sekao sa badumedi botlhe koo Maketonia le mono Agaya. 8Gonne Lefoko la Morena le dule mo go lona, la dumela pele, e seng koo Maketonia le mono Agaya fela, mme go dumela ga lona mo Modimong go utlwetse kwa mafelong otlhe, mo go bileng go sa batlege mo go rona go bua ka ga tsona. 9Gonne bone ka bosi ba bolela ka ga rona ka fa re neng ra amogelega sentle koo go lona ka teng, le ka fa lo neng lwa tlhabologela Modimong ka teng, lwa bakela medimo ya diseto go direla Modimo o o tshelang wa nnete, 10le go lebelela Morwaa-ona go boa kwa magodimong, yo o mo tsositseng mo baswing, e bong Jesu yo o re falodisang mo bogaleng jo bo tlang.

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in