YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 2

2
Paulo o bolela ka fa a dirileng tiro ya gagwe mo go Bathesalonika ka teng
1Bakaulengwe, lo itse ka losi gore go tsena ga rona mo go lona go ne go se lefela. 2Mme le fa re ne ra bogisiwa, ra direlwa tse di botlhoko pele kwa Filipi, jaaka lo itse, re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona go bua Efangele ya Modimo mo go lona re le mo kganetsanyong e kgolo. 3Gonne thero ya rona ga e tswe mo timelong le e seng mo boitshekologong le e seng mo boferefereng, 4mme re bua ka fa re kailweng ke Modimo ka teng re le ba ba ikanyegang go ka neelwa Efangele; ga re bue jaaka ba ba kgatlhang batho, mme e le go kgatlha Modimo o o tlhotlhomisang dipelo tsa rona. 5Gonne ga re ise re ke re bue mafoko a a tlakisang jaaka lo itse, le e seng ka maano a megagaru – Modimo ke mosupi – 6le e seng go batla tlotlo mo bathong, le fa e ka nna mo go lona gongwe mo go ba bangwe. 7Re ne re ka nna ra lo rwesa morwalo re le baapostolo ba ga Keresete, mme re ne ra nna bopelontle mo gare ga lona jaaka moamusi a fara bana ba gagwe. 8Re ne ra ratanngwa jalo, ra rata go lo abela le matshelo a rona, e seng Efangele ya Modimo fela; gonne lo ne lo diregile baratwi ba rona. 9Bakaulengwe, kana lo gakologelwa matsapa a rona le tapisego; re lo reretse Efangele ya Modimo re ntse re dira bosigo le motshegare gore re se imetse ope wa lona.
10Lo basupi, le Modimo ke mosupi ka fa re neng re itshotse ka teng ka boitshepo le ka tshiamo le ka go se na molato mo go lona ba lo dumelang, 11jaaka lo itse ka fa re neng re lo laya ka teng, mongwe le mongwe wa lona a le esi jaaka rra-bana a laya bana ba gagwe, 12re lo kgothatsa, re lo tiisetsa gore lo sepele ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo o o lo bileditseng pusong le kgalalelong ya ona.
13Ke ka moo le rona re sa khutleng go leboga Modimo ka ntlha ya gore e rile lo amogela Lefoko la Modimo le lo le utlwileng mo go rona, lwa se ka lwa le tshola jaaka lefoko la batho, mme lwa le tshola e le Lefoko la Modimo tota le le bileng le dira mo go lona ba lo dumelang. 14Gonne lona, bakaulengwe, lo ne lwa nna balatedi ba diphuthego tsa Modimo tsa kwa Jutea tse di leng mo go Keresete Jesu, ka le lona lo ne lwa bogisiwa ke ba ga lona ka tse le bone ba bogisitsweng ke Bajuta ka tsona, 15ba e bileng ba bolaile Morena Jesu le baporofeti, le rona ba re leleka, ba bo ba sa kgatlhe Modimo, ba le kgatlhanong le batho botlhe; 16ba re kgoreletsa go rerela baheitane gore ba tle ba pholosiwe, e le gore ba tle ba tlatse seelo sa maleo a bone ka gale. Mme bogale jwa Modimo bo setse bo tsile mo go bone go ba isa tatlhegong.
Paulo o tlhologeletswe Bathesalonika
17Bakaulengwe, rona ba re neng re kgaogantswe le lona ka bokhutshwanyane ka difatlhego, e seng ka dipelo, re tlhoafaletse thata go bona difatlhego tsa lona ka tlhologelelo e kgolo. 18Ke gona ka moo re ratileng go tla koo go lona, nna Paulo gangwe le gape, mme Satane a re kgoreletsa. 19Kana tsholofelo ya rona gongwe boitumelo jwa rona gongwe serwalo sa tlotlo sa rona ke mang? A ga se le lona fa pele ga Jesu Morena wa rona mo go tleng ga gagwe? 20Ee, ke lona kgalalelo ya rona le boitumelo jwa rona.

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in