YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 2

2
Thapelo ya ga Hana
1Ke fa Hana a rapela a re:
“Pelo ya me e dudueletsa
Morena.
Lonaka lwa me
lo thatafaditswe ke Morena.
Molomo wa me
o bulegetse baba ba me.
Gonne ke itumelela
pholoso ya gago.
2Ga go na ope yo o boitshepo
jaaka Morena;
gonne ga go na ope
kwa ntle ga gago;
ga go na lefika le le tshwanang
le Modimo wa rona.
3Se bueng tsa maikgantsho
a magolo ka gale;
a tsa matepe di se ka tsa tswa
mo melomong ya lona.
Gonne Morena ke Modimo
o o itseng tsotlhe;
ditiro di tlhatlhojwa ke ene.
4Mara a dinatla a robegile;
mme ba ba theekelang
ba itlamile ka thata.
5Ba ba neng ba kgora
ba ile go jaka dijo;
ba ba neng ba bolawa ke tlala
ba a kgora.
Moopa le ene o belege ba supa;
mmabontsi o swabile.
6 Morena o a bolaya,
e bile o a phedisa;
o folosetsa kwa felong ga baswi,
e bile o tlhatlosa teng.
7 Morena o a humanegisa,
e bile o a humisa;
o a kokobetsa,
le gona o a godisa.
8O tsosa ba ba fokolang
mo leroleng,
o tsholetsa bahumanegi
mo thotobolong
go ba nnisa le batlotlegi;
o ba ruisa sedulo sa bogosi
sa kgalalelo.
Gonne maotwana a lefatshe
ke a Morena,
o beile lefatshe mo go ona.
9O tla sireletsa dinao
tsa baitshepi ba gagwe,
mme baikepi
ba tla swela mo lefifing;
gonne motho ga a kgone sepe
ka thata ya gagwe.
10Ba ba lwang le Morena
ba tla phatlakanngwa;
o tla ba dumisetsa maru
kwa legodimong.
Morena o tla atlhola
dikhutlo tsa lefatshe,
a naya kgosi ya gagwe thata,
a natlafatsa lonaka lwa
motlodiwa wa gagwe.”
11Jaanong Elekana a boela kwa lapeng la gagwe kwa Rama. Ngwana ene a sala, a direla Morena fa pele ga moperesiti Eli.
Boikepo jwa bomorwa Eli
12Mme bomorwa Eli ba ne ba le bosula, ba sa re sepe ka Morena. 13Ba tlhokomologa tse di laoletsweng baperesiti mo morafeng. E ne ya re fa motho a tlhaba setlhabelo, go tle motlhanka wa moperesiti, nama e ntse e apewa, a tshotse seroophata; 14a tlhabe mo pitseng gongwe mo pitsaneng gongwe mo paneng gongwe mo sejaneng. Sengwe le sengwe se seroophata se se ntshang moperesiti a se itseele. Ba ne ba direla Baiseraele botlhe jalo ba ba tlang gona kwa Silo. 15Le gona e ne ya re ba ise ba tshube mafura, go tle motlhanka wa moperesiti, a ree monna yo o tlhabang setlhabelo a re: “Ntsha nama e e besediwang moperesiti. Gonne ga a ka ke a amogela nama e e apeilweng mo go wena fa e se e tala fela.”
16Mme e ne ya re fa motho a mo raya a re: “Mafura a tshwanetse go tshubiwa pele, morago ga moo o itseele ka fa o ratang ka teng!” ene a fetole a re: “Nnyaya! E mphe jaanong. Go seng jalo, ke tla e tsaya ka thata.”
17Boleo jwa makau ao bo ne bo le bogolo thata fa pele ga Morena, ka a ne a nyatsa tshupelo ya Morena.
Samuele o nna kwa Silo
18Mme Samuele o ne a ntse a direla fa pele ga Morena, e le mosimane yo o apereng khiba ya letseta. 19Le gona mmaagwe o ne a tle a mo direle kojwana, a mo tlele nayo ka ngwaga le ngwaga, fa a tlhatlogela teng le monna wa gagwe go tlhaba setlhabelo sa ngwaga. 20Foo Eli a tshegofatse Elekana le mosadi wa gagwe a re: “A Morena a go nee bana ka mosadi yo boemong jwa ngwana yo a mo kopileng, a mo tsalela Morena.” Jaanong ba ye kwa gae.
21Mme Morena a direla Hana molemo; a ithwala, a tshola gape bana ba basimane ba le bararo le ba basetsana ba le babedi. Mosimane Samuele ene a golela kwa Moreneng.
Eli le bomorwawe
22Eli o ne a tsofetse thata. Fela e ne e tle e re fa a utlwa tsotlhe tse bomorwawe ba neng ba di direla Baiseraele botlhe le ka fa ba lalang ka teng le basadi ba ba direlang fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho, 23a ba ree a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo dira dilo tse di bosula jalo, tse ke di utlwang mo morafeng otlhe o? 24Nnyaya, bomorwaaka! Tumedi e ke e utlwang ga e molemo. Lo leofisa morafe wa Morena. 25Fa motho a leofela motho, moatlhodi o ka mo atlholela. Mme fa motho a leofela Morena, ke mang yo o ka mo emelang?” Mme ba se ka ba utlwa lentswe la ga rraabo; gonne Morena o ne a ikaeletse go ba bolaya.
26Mme mosimane Samuele a nna a gola, a ratwa ke Morena le batho.
Polelelopele ka ga tatlhego ya lelapa la ga Eli
27Letsatsi le lengwe monna wa Modimo a tla kwa go Eli, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘A ga ke re, ke iponaditse sentle mo go ba ga eno, fa ba sa le kwa Egepeto mo taolong ya ga Farao? 28Ka ba itlhophela mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go nna baperesiti gore ba palame mo aletareng ya me go fisa maswalo le go apara khiba ya boperesiti fa pele ga me; ka naya ba ga eno ditlhabelo tsotlhe tse di dirwang ka molelo tsa Baiseraele. 29Ke ka ntlha ya eng fa lo nyatsa setlhabelo sa me le tshupelo ya me tse ke di laotseng go nna tsa moago wa me; ke eng fa o tlotla bomorwao bogolo go nna, lo inontsha ka tse di tlhaotsweng mo ditshupelong tsotlhe tsa Iseraele morafe wa me?’ 30Ke ka moo Morena Modimo wa Iseraele o buang a re: ‘Ka nnete ke ne ke rile: Ba lapa la gago le ba lapa la ga rraago ba tla sepela fa pele ga me ka bosakhutleng. Mme jaanong go kgakala le nna! Ke tla tlotla ba ba ntlotlang; mme ba ba nnyatsang ba tla nyatsega.’ Morena a re jalo. 31‘Bona, malatsi a e tla a ke tla kgaolang letsogo la gago le letsogo la lelapa la ga rraago ka ona gore go se ka ga nna monna wa motsofe mo lapeng la gago. 32Mme tsotlhe tse di molemo tse Morena o di direlang Baiseraele o tla di leba ka khutsafalo. Ga o kitla o nna le motsofe mo lapeng la gago ka metlha yotlhe. 33Ke a le mongwe fela wa ga eno yo ke se neng ke mo nyeletsa, ke mo tlosa mo aletareng ya me, e se re gongwe ka ledisa matlho a gago le go tlhokofatsa pelo ya gago, mme botlhe ba ba tla tsalwang mo lapeng la gago ba tla swa ba ise ba tsofale. 34Sesupo mo go wena se se tla dirafalelang bomorwao ba babedi Hofeni le Phinehase ke sa go re: Ba tla swa ka letsatsi le le lengwe ka bobedi jwa bone. 35Mme ke tla itlhomela moperesiti yo o ikanyegang; o tla dira tse di mo pelong ya me le mo moweng wa me. Ke tla mo naya losika lo lo tlhomameng; o tla sepela fa pele ga motlodiwa wa me ka metlha yotlhe. 36Mongwe le mongwe wa masalela a lelapa la gago o tla tla, a mo ikôbêla go kopa ledi la selefera le kgolokwe ya senkgwe a re: A ko o ntsenye mo tirong ya boperesiti, ke tle ke je thathana ya senkgwe.’ ”

Currently Selected:

1 SAMUELE 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in