1
1 SAMUELE 2:2
Setswana 1970
Ga go na ope yo o boitshepo jaaka MORENA; gonne ga go na ope kwa ntle ga gago; ga go na lefika le le tshwanang le Modimo wa rona.
Compare
Explore 1 SAMUELE 2:2
2
1 SAMUELE 2:8
O tsosa ba ba fokolang mo leroleng, o tsholetsa bahumanegi mo thotobolong go ba nnisa le batlotlegi; o ba ruisa sedulo sa bogosi sa kgalalelo. Gonne maotwana a lefatshe ke a MORENA, o beile lefatshe mo go ona.
Explore 1 SAMUELE 2:8
3
1 SAMUELE 2:9
O tla sireletsa dinao tsa baitshepi ba gagwe, mme baikepi ba tla swela mo lefifing; gonne motho ga a kgone sepe ka thata ya gagwe.
Explore 1 SAMUELE 2:9
4
1 SAMUELE 2:7
MORENA o a humanegisa, e bile o a humisa; o a kokobetsa, le gona o a godisa.
Explore 1 SAMUELE 2:7
5
1 SAMUELE 2:6
MORENA o a bolaya, e bile o a phedisa; o folosetsa kwa felong ga baswi, e bile o tlhatlosa teng.
Explore 1 SAMUELE 2:6
Home
Bible
Plans
Videos