1
MATHEO 14:30-31
Setswana 1970
Mme ya re a bona phefo e e thata, a boifa, mme ka a simolola go nwela, a goa a re: “Morena, nkinola!” Jesu a akofa a ntsha letsogo, a mo tshwara, a mo raya a re: “Wena yo o tumelo e potlana, o ne o belaelelang?”
Compare
Explore MATHEO 14:30-31
2
MATHEO 14:30
Mme ya re a bona phefo e e thata, a boifa, mme ka a simolola go nwela, a goa a re: “Morena, nkinola!”
Explore MATHEO 14:30
3
MATHEO 14:27
Jesu a akofa a bua nabo a re: “Namatshegang! Ke nna, se boifeng!”
Explore MATHEO 14:27
4
MATHEO 14:28-29
Petoro a mo araba a re: “Morena, fa e le wena, ntaolela gore ke tle go wena mo godimo ga metsi.” Jesu a re: “Tlaya!” Petoro a fologa mo mokorong, a tsamaya mo godimo ga metsi, a ya kwa go Jesu.
Explore MATHEO 14:28-29
5
MATHEO 14:33
Mme ba ba mo mokorong ba mo obamela ba re: “Ammaaruri, o Morwa Modimo!”
Explore MATHEO 14:33
6
MATHEO 14:16-17
Mme Jesu a ba fetola a re: “Ga go batlege gore ba tsamae; lona ba feng, ba je!” Bone ba re: “Fano ga re na sepe, fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi.”
Explore MATHEO 14:16-17
7
MATHEO 14:18-19
Ene a re: “Di tsiseng kwano go nna!” Ya re a sena go laela batho go nna mo bojannye, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala kwa legodimong, a leboga, a nathoganya dinkgwe, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho.
Explore MATHEO 14:18-19
8
MATHEO 14:20
Ba ja botlhe, ba kgora, ba be ba sela masadisa, a tlala ditlatla di le 12.
Explore MATHEO 14:20
Home
Bible
Plans
Videos