1
MATHEO 13:23
Setswana 1970
Wa peo e e jwetsweng mo mmung o o siameng ke ene yo o utlwang Lefoko, a be a le tlhaloganye. Ke ene yo o ungwang, peo e nngwe e ungwe ga lekgolo, e nngwe ga 60, e nngwe ga 30.”
Compare
Explore MATHEO 13:23
2
MATHEO 13:22
Wa peo e e jwetsweng mo mitlweng ke ene yo o utlwang Lefoko; mme tshwenyego ya metlha eno le tsietso ya khumo di hupetse Lefoko, le be le tlhoke leungo.
Explore MATHEO 13:22
3
MATHEO 13:19
E a re fa motho a utlwa Lefoko la puso, a sa le tlhaloganye, go tle yo-o-bosula, a phamole se se jwetsweng mo pelong ya gagwe; ke ene wa peo e e jwetsweng mo tseleng.
Explore MATHEO 13:19
4
MATHEO 13:20-21
Wa peo e e jwetsweng mo lekgwaraneng ke ene yo o utlwang Lefoko, a be a akofe a le tshole ka boitumelo. Mme ga a na modi ka kwa teng, ke wa sebakanyana fela; e re fa go tsoga patiko gongwe pogiso ka ntlha ya Lefoko, a akofe a kgopege.
Explore MATHEO 13:20-21
5
MATHEO 13:44
“Gape, puso ya magodimo e tshwana le lohumo lo lo fitlhilweng mo tshimong lo motho o neng a lo bona, a ba a lo loba; mme ka go lo itumelela a ya a rekisa tsotlhe tse a nang natso, a reka tshimo eo.
Explore MATHEO 13:44
6
MATHEO 13:8
Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa ungwa, tse dingwe ga 100, tse dingwe ga 60, tse dingwe ga 30.
Explore MATHEO 13:8
7
MATHEO 13:30
Lesang, go gole mmogo go ya thobong; e tla re ka nako ya thobo ke ree barobi ke re: Phuthang mhoka pele, lo o bofe dingata go o fisa; mabele ona lo a phuthele kwa difaleng tsa me.’ ”
Explore MATHEO 13:30
Home
Bible
Plans
Videos