1
MATHEO 12:36-37
Setswana 1970
“Ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tla le buang, ba tla ikarabela ka ga lone mo letsatsing la katlholo. Gonne o tla kaiwa mosiami ka mafoko a gago, gongwe o tla bonwa molato ka mafoko a gago.”
Compare
Explore MATHEO 12:36-37
2
MATHEO 12:34
Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo ka bua jang tse di molemo lo le bosula? Gonne molomo o bua tse di tletseng mo pelong.
Explore MATHEO 12:34
3
MATHEO 12:35
Motho yo o molemo o ntsha tse di molemo mo lohumong lo lo molemo; mme motho yo o bosula o ntsha tse di bosula mo lohumong lo lo bosula.
Explore MATHEO 12:35
4
MATHEO 12:31
Ke ka moo ke lo rayang ke re: Sebe sengwe le sengwe le kgalo, batho ba ka di itshwarelwa; mme kgalo e e kgalang Mowa, yona ga e kitla e itshwarelwa.
Explore MATHEO 12:31
5
MATHEO 12:33
“Dirang gore setlhare se siame, foo le leungo la sona le tla siama; gongwe dirang gore setlhare e nne se se sa siamang, foo le leungo la sona e tla nna le le sa siamang; gonne setlhare se itsiwe ka leungo.
Explore MATHEO 12:33
Home
Bible
Plans
Videos