1
MATHEO 11:28
Setswana 1970
“Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa.
Compare
Explore MATHEO 11:28
2
MATHEO 11:29
Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute mo go nna; gonne ke bonolo le boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela mewa ya lona tapologo.
Explore MATHEO 11:29
3
MATHEO 11:30
Gonne jokwe ya me e bonolo, morwalo wa me o botlhofo.”
Explore MATHEO 11:30
4
MATHEO 11:27
“Tsotlhe ke di neilwe ke Rre; ga go ope yo o itseng Morwa, fa e se Rara; le gona ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa, le yo Morwa o ratang go mo mo senolela.
Explore MATHEO 11:27
5
MATHEO 11:4-5
Jesu a ba araba a re: “Tsamayang lo bolelele Johane tse lo di utlwang le tse lo di bonang: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele.
Explore MATHEO 11:4-5
6
MATHEO 11:15
Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!
Explore MATHEO 11:15
Home
Bible
Plans
Videos