Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!预览

Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

7天中的第2天

Ditsela Tsa go Atlega mo Dikamanong

Kamano nngwe le nngwe, e ka tswa e le ya tsala, ya mongwe wa lelapa, ya molekane wa lenyalo, kana le eleng ya Modimo, e na le dikarolo tse pedi tsa motheo tseo di dirang gore e atlege: lorato le kamego tseo di abelanwang magareng ga batho, le go dira gore lorato loo e nne selo se se dirwang.

Boammaaruri ke gore lorato lwa nnete ka metlha lo bontshiwa ka ditiro; tsala ya boammaaruri e tla thusa motho yo mongwe fa a tlhoka thuso. Go ntse fela jalo le ka kamano ya rona le Modimo. Go rata Modimo ka tsela ya mmatota go tsamaisana le ditiro; go ama pelo ya Modimo ka go ama matshelo a batho ba ba re dikologileng.

Go dira gore kamano ya rona le batho ba bangwe e nne e e molemo go simolola ka kamano ya rona le Modimo. Tota e bile, Modimo o batla gore kamano ya rona le batho ba bangwe e tshwane le ya rona le Ene. Akanya ka ditaelo tse pedi tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di mo Baebeleng tse Jesu a neng a di tlhalosa:

"O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago. Ya bobedi ke eno, 'O rate moagisane wa gago jaaka o ithata.' Ga go na taolo epe e nngwe e kgolo go feta tseno". Mareko 12:30-31

Jaaka badumedi, kamano ya rona e e tlhamaletseng le Modimo le kamano ya rona e e tlhamaletseng le ba bangwe ke tsone dilo tse di botlhokwa thata mo Modimong - go mo rata le go rata ba bangwe.

读经计划介绍

Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

Botshelo jo bo itumedisang, jo bo nang le boikaelelo bo thailwe mo dikamanong, lorato le tumelo. Fa e le gore o batla go tlhaloganya leano la Modimo mo botshelong jwa gago, dirisa leano leno go go thusa go tlhoma mogopolo mo go se o se batlang le se o se lemogang.

More