O NA le Thapelo!预览

Dilo Tse Thataro Tse di ka Thusang Gore o Rapele ka Tsela e e Nang le Bokao 'Karolo ya Bobedi'
4. Itsise Modimo dilo tse o di tlhokang le tse o di batlang, mme o mo kope gore a go neye tsone. "Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi..."
Lorato lo Modimo a go ratang ka lone lo logolo, ga lo fele e bile ga lo na mabaka ape, mme gantsi mo Baebeleng lo tshwantshiwa le tsela e rre yo o lorato a utlwelang ngwana wa gagwe botlhoko ka yone. O batla go utlwa go tswa mo ngwaneng wa Gagwe (gore ke wena), O batla go utlwa ka botshelo jwa gago, ka dilo tse o di tlhokang le tse o di eletsang, mme O batla gore o tle kwa go Ene ka dilo tseo o di tlhokang. Lorato lo a go ratang ka lone lo mo tlhotlheletsa gore a go segofatse go feta kafa o neng o ka solofela ka teng.
5. Kopa Modimo gore a go itshwarele maleo a gago, o ntse o itse gore o tlhoka go itshwarela ba bangwe ba ba ka tswang ba go diretse phoso. "Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona."
Go kopa Modimo gore a re itshwarele maleo a rona go simolola ka gore re ipolele maleo ao pele, mme go tswa foo re a ipolele mo Modimong.
"Fa re ipolela maleo a rona, one o boikanngo le tshiamo go re itshwarela maleo a rona, le go re itshekisa tshiamololo yotlhe." 1 Johane 1:9
O ka tlhomamisega gore Modimo o go itshwaretse le go go phepafatsa mo maleong a gago. Ka go itshwarelwa gono, gape go na le kgololesego mo go ikutlweng o le molato, go tlhabiwa ke ditlhong le go atlholwa.
Mme gape Modimo o batla gore fela jaaka a re itshwaretse, le rona re itshwarele ba bangwe ba ba ka tswang ba re leofetse. Fela jaaka go itshwarelwa ke Modimo go tlisa kgololesego, go itshwarela ba bangwe le gone go dira jalo - go re golola mo go nneng le letlhoo, go boloka sekgopi le go letla gore dilo tse di re utlwisitseng botlhoko mo nakong e e fetileng di tswelele pele di re utlwisa botlhoko.
Go itshwarela, go amogela le go itshwarela ba bangwe, ke motheo wa go tshela botshelo jwa kgololesego mo go Keresete.
6. Rapelela kaelo ya Modimo go re thusa go tila dithaelo le maemo a a ka nnang a se ka a mo kgatlha. "...o se re gogele mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula."
Modimo o re itshwaretse maleo a rona a bo a re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe jaaka go solofeditswe mo go 1 Johane 1:9, mme lefa go ntse jalo re santse re tla lebana le thaelo, re tshela mo lefatsheng leno le le weleng. Karolo eno ya Thapelo ya Morena e gatelela botlhokwa jwa go se ikhutse fela le go kgotsofalela go itshwarelwa ke Modimo, re sa akanye ka botlhokwa jwa go tila go leofa mo isagweng. Le fa gone Modimo a tlosa kotlhao ya semoya ya boleo ka go re itshwarela, ga go reye gore o tlosa ditlamorago tse di bosula tsa boleo. Ka lebaka leno, go botlhokwa go rapelela thuso ya Modimo gore re tile thaelo.
Letsatsi le letsatsi, simolola go neela Modimo nako epe fela e o ka e mo nayang ka boitumelo ka thapelo. Modimo ga a na selekanyo se lo tshwanetseng go se fitlhelela letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe go tla nna thata gore o nne o ntshitse matlho dinameng le go tila go "otsela". O se ka wa kgobega marapo; itse gore o tla segofadiwa ke Modimo fa o mo neela nako ya gago ka thapelo!
读经计划介绍

Fitlhelela melaotheo e e ka go thusang gore o nne le botshelo jwa thapelo jo bo nang le matswela. Thapelo - go buisana le Modimo ka namana - ke yone tsela ya konokono ya go bona diphetogo tse di molemo mo matshelong a rona le mo tikologong ya rona.
More