1
GENESI 50:20
Setswana 1970
Ke nnete, lona lo ne lo ikaeletse go ntirela bosula, mme Modimo o bo fetotse molemo gore o tle o dire jaaka go bonwa kajeno, o phedise batho ba bantsi.
Uporedi
Istraži GENESI 50:20
2
GENESI 50:19
Mme Josefa a ba fetola a re: “Se boifeng! A ke mo boemong jwa Modimo?
Istraži GENESI 50:19
3
GENESI 50:21
Jaanong ge, se boifeng! Ke tla lo babalela le bana ba lona.” A ba gomotsa jalo, a bua tse di itumedisang dipelo tsa bone.
Istraži GENESI 50:21
4
GENESI 50:17
‘Rayang Josefa jaana lo re: Ka thapelo a ko o itshwarele boleo jwa bomorwa-rraago le sebe sa bone; gonne ba go diretse bosula.’ Mme jaanong a ko o itshwarele boleo jwa batlhanka ba Modimo wa ga rraago!” Mme Josefa a lela, fa ba bua jalo nae.
Istraži GENESI 50:17
5
GENESI 50:24
Josefa a laela bomorwa-rraagwe a re: “Ke a swa; mme Modimo o tla lo babalela, o lo ntsha mo lefatsheng le, o lo isa kwa lefatsheng le o le solofeditseng Aborahame le Isaka le Jakobe.”
Istraži GENESI 50:24
6
GENESI 50:25
Le gona Josefa a ikanisa bomorwa Iseraele a re: “E re Modimo o lo golola, lo ntshe marapo a me mono.”
Istraži GENESI 50:25
7
GENESI 50:26
Josefa a swa a le dinyaga di le 110. Ba mo omeletsa ka ditlhare, ba mo tsenya mo letloleng kwa Egepeto.
Istraži GENESI 50:26
Početna
Biblija
Planovi
Video zapisi