Juta ke wena,
bomorwa-rraago ba tla go boka.
Seatla sa gago se tla nna
mo thamong tsa baba ba gago.
Bomorwa-rraago
ba tla ikoba fa pele ga gago.
Juta ke tawana; o tlhatlogile,
morwaaka, o tswa thopong.
A inama, a botha jaaka tau
le jaaka tau e namagadi.
Ke mang yo o ka mo tshosang?