Mme Farao a raya Josefa a re: “E re ka Modimo o setse o go senoletse tsotlhe tseo ga re bone yo mongwe yo o nang le tlhaloganyo le botlhale jaaka wena. Wena o tla okamela lelapa la me; morafe otlhe wa me o tla laolwa ke molomo wa gago. Ke tla go feta fela ka sedulo sa bogosi.”