1
GENESI 32:28
Setswana 1970
A fetola a re: “Ga o nke o tlhola o bidiwa Jakobe, jaanong o tla bidiwa Iseraele; gonne o kampanye le Modimo le batho, mme o fentse.”
Uporedi
Istraži GENESI 32:28
2
GENESI 32:26
Mme monna yole a re: “Ntese ke tsamae, gonne mahube a dule.” Mme Jakobe a re: “Ga nka ke ka go lesa, o ise o ntshegofatse.”
Istraži GENESI 32:26
3
GENESI 32:24
Jakobe a sala a le esi. Ke fa monna mongwe a kampana nae ga tsamaya mahube a tswa.
Istraži GENESI 32:24
4
GENESI 32:30
Jakobe a taya felo foo leina a re: Pheniele . Gonne a re: “Ke bonye Modimo, re lebantse difatlhego, ke bile ka phologa.”
Istraži GENESI 32:30
5
GENESI 32:25
Mme monna yole, ka a bona, a sa mo fenye, a mo itaya mo nokeng ya gagwe, mme Jakobe a kumoga mmasutswane, fa a ntse a sokasokana nae.
Istraži GENESI 32:25
6
GENESI 32:27
Ke fa a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” A re: “Ke Jakobe.”
Istraži GENESI 32:27
7
GENESI 32:29
Jakobe a botsa a re: “A ko o mpolelele leina la gago.” Yoo a re: “O boletsang leina la me?” A ba a mo tshegofatsa teng koo.
Istraži GENESI 32:29
8
GENESI 32:10
Ga ke a tshwanelwa ke mautlwelo-botlhoko otlhe le boikanyo jotlhe tse o di diretseng motlhanka wa gago. Gonne ke ne ka tshela Joretane yo ke tshotse thobane ya me fela, mme jaanong ke na le meraka e mebedi.
Istraži GENESI 32:10
9
GENESI 32:32
Ke ka moo Baiseraele ba sa jeng mosifa wa noka o o mo mmasutswaneng go fitlhelela kajeno, ka a ne a iteile Jakobe mo mmasutswaneng mo mosifeng wa teng.
Istraži GENESI 32:32
10
GENESI 32:9
Jaanong Jakobe a rapela a re: “Modimo wa borre, e bong Aborahame le Isaka, wena MORENA yo o ntheileng wa re: ‘Boela kwa lefatsheng la ga eno le kwa go ba ga eno, ke tla go direla molemo!’
Istraži GENESI 32:9
11
GENESI 32:11
A ko o nthuse, ke phologe mo seatleng sa ga nkgonne, e bong Esau, gonne ke a mmoifa; e se re gongwe a tla, a mpolaya le bana le bommaabo.
Istraži GENESI 32:11
Početna
Biblija
Planovi
Video zapisi