1
JOHANE 12:26
BAEBELE e e Boitshepo
Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.
ႏွိုင္းယွဥ္
JOHANE 12:26ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
2
JOHANE 12:25
Yo o ratang botshelo jwa gagwe, bo a mo latlhegela; mme yo o ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng leno, o tlaa bo bolokela botshelong jo bo sa khutleng.
JOHANE 12:25ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
3
JOHANE 12:24
Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa tlhaka ya mabele e sa wele mo mmung, ya swa, e tle e nne yosi fela; mme fa e swa, e ungwe loungo lo logolo.
JOHANE 12:24ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
4
JOHANE 12:46
Ke tsile mo lefatsheng ke le lesedi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a se ka a nna mo lefifing.
JOHANE 12:46ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
5
JOHANE 12:47
Fa mongwe le fa e le mang a utlwa mafoko a me, mme a sa a tshegetse, ga ke mo sekise, gonne ga ke a tla go sekisa lefatshe, fa e se go boloka lefatshe.
JOHANE 12:47ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
6
JOHANE 12:3
Foo Maria a tsaya setlolo sa nareto, e le se se tlhokegang thata, se le selekanyo sa bogare jwa litara, a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a ba a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe; mme ntlo ya tlala monko wa setlolo.
JOHANE 12:3ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
7
JOHANE 12:13
ba tsaya dikala tsa makolane, ba tswa ba ya go mo kgatlhantsha, mme ba thela lošalaba ba re: “Hosana, go bakwe yo o tlang mo ineng la Morena, e bong Kgosi ya Iseraele.”
JOHANE 12:13ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
8
JOHANE 12:23
Jesu a ba fetola a re: “Lobaka lo tsile, lo Morwa Motho o tlaa galalediwang ka lone.
JOHANE 12:23ရွာေဖြေလ့လာလိုက္ပါ။
ပင္မစာမ်က္ႏွာ
သမၼာက်မ္းစာ
အစီအစဥ္မ်ား
ဗီဒီယိုမ်ား