GENESI 4

4
Kaine le Abele
1Atame o ne a itse Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega Kaine a re: “Ke bonye monna ka thuso ya Morena.” 2A boela a belega Abele monnawe. Abele a nna modisa wa dinku, Kaine a nna molemi wa masimo. 3Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direla Morena tshupelo. 4Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. Mme Morena a itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe. 5Fela a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Ke fa Kaine a galefa thata, a gagabisa matlho. 6Mme Morena a botsa Kaine a re: “O galefetseng? O gagabisetsang matlho? 7A ga ke re, fa o dira sentle, o ka tsholetsa sefatlhego, mme fa o sa dire sentle, boleo bo lalela fa mojako, bo go tlhologeletswe, mme wena o bo laole.”
8Mme Kaine a bua le Abele monnawe; ya re ba le kwa nageng, Kaine a tsogela Abele monnawe, a mmolaya.
9Ke fa Morena a botsa Kaine a re: “Abele monnao o kae?” Ene a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”
10Mme Morena a re: “O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung. 11Jaanong o hutsitswe, o lelekilwe mo nageng e e atlhamolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tsholotsweng ke diatla tsa gago. 12Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng.”
13Ke fa Kaine a raya Morena a re: “Molato wa me o mogolo go feta o o ka itshwarelwang. 14Bona, kajeno o nteleka mo nageng e; ke tla iphitlha, ke tshaba sefatlhego sa gago; ke tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.”
15Mme Morena a mo raya a re: “Nnyaya, mongwe le mongwe yo o go bolayang, Kaine, o tla busolosiwa gasupa.” Morena a ba a baya lotshwao mo go Kaine gore a se ka a bolawa ke ope yo o mmonang. 16Ke fa Kaine a tloga fa pele ga sefatlhego sa Morena, a ya go nna kwa lefatsheng la Note mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Etene.
Losika lwa ga Kaine
17Kaine o ne a itse mosadi wa gagwe a nna moimana, a belega Henoge; a ba a aga motse, a o taya leina la Henoge, a o teelela morwawe. 18Henoge a belegelwa Irate; Irate a tsala Mehuyaele; Mehuyaele a tsala Methusaele; Methusaele a tsala Lamege. 19Lamege a tsaya basadi ba le babedi; leina la mongwe e le Ata, leina la yo mongwe e le Sila. 20Ata a belega Jabale; ke ene rraabone ba ba neng ba nna mo ditenteng, e le barui ba dikgomo. 21Leina la ga monnawe ke Jubale; ke ene rraabone botlhe ba be neng ba letsa dirankure le ditlhaka. 22Sila le ene a belega, a tshola Thubale-Kaine; a nna mothudi wa dilo tsa mefutafuta tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Thubale-Kaine e ne e le Naama.
23Lamege o ne a raya basadi ba gagwe a re:
“Ata le Sila,
utlwang lentswe la me;
lona basadi ba ga Lamege,
reetsang mafoko a me:
Ruri, ke tla bolaya monna
yo o ka nntshang ntho,
le lekau le le ka nkhutlang.
24Gonne Kaine
o tla busolosiwa gasupa,
mme Lamege ene ga masome
a a supang le bosupa.”
Sethe le Enose
25Atame a ba a itse mosadi wa gagwe gape; a belega morwa, a mo taya leina la Sethe. Gonne a re: “Modimo o mphile ngwana yo mongwe mo boemong jwa ga Abele yo Kaine o mmolaileng.” 26Sethe le ene a belegelwa morwa, a mo taya leina la Enose. Metlheng eo ba simolola go bitsa leina la Morena.

Currently Selected:

GENESI 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in