1
JOHANE 15:5
Setswana 1970
“Ke nna setlhare sa moweine, lona lo dikala. Yo o nnang mo go nna le nna ke le mo go ene, o ungwa maungo a mantsi; gonne kwa ntle ga me ga lo ka ke lwa dira sepe.
Confronta
Esplora JOHANE 15:5
2
JOHANE 15:4
Nnang mo go nna, le nna ke nne mo go lona; gonne ga lo ka ke lwa ungwa, fa lo sa nne mo go nna, jaaka kala e sa ka ke ya ungwa ka boyona, fa e sa nne mo moweineng.
Esplora JOHANE 15:4
3
JOHANE 15:7
Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lo ka kopa se lo se ratang, se tla lo dirafalela.
Esplora JOHANE 15:7
4
JOHANE 15:16
Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng.
Esplora JOHANE 15:16
5
JOHANE 15:13
Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo lwa gore motho a ntshetse ditsala tsa gagwe bophelo jwa gagwe.
Esplora JOHANE 15:13
6
JOHANE 15:2
Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlôkôtla gore e tle e ungwe segolo.
Esplora JOHANE 15:2
7
JOHANE 15:12
Taolo ya me ke ya gore lo ratane, fela jaaka ke lo ratile.
Esplora JOHANE 15:12
8
JOHANE 15:8
Se Rre a ka galalediwang ka sona ke fa lo ungwa maungo a mantsi, lo nna barutwa ba me.
Esplora JOHANE 15:8
9
JOHANE 15:1
“Ke nna setlhare sa moweine sa nnete; Rre ke molemi wa moweine.
Esplora JOHANE 15:1
10
JOHANE 15:6
Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle, jaaka kala e latlhelwa kwa ntle, e omelele, mme di kokwanngwe, di latlhelwe mo molelong, di fisiwe.
Esplora JOHANE 15:6
11
JOHANE 15:11
“Dilo tse ke di buile le lona gore boitumelo jwa me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo tlale.
Esplora JOHANE 15:11
12
JOHANE 15:10
Fa lo utlwa ditaolo tsa me, lo tla nna mo loratong lwa me, fela jaaka nna ke utlwile ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe.
Esplora JOHANE 15:10
13
JOHANE 15:17
Ke lo laela dilo tse, e le gore lo ratane.
Esplora JOHANE 15:17
14
JOHANE 15:19
Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le rata se e leng sa lone; mme ka lo se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo tlhoileng.
Esplora JOHANE 15:19
Home
Bibbia
Piani
Video