YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 16

16
Kabelo ya naga ya Baeferaime
1Molelwane wa naga e Bajosefa ba e abetsweng ka tengwa o ne o simologa fa Joretane kwa Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi ya metsi a Jerigo, mme go tswa teng o ya kwa sekakeng, o be o tlhatlogela kwa dithabeng tsa Bethele. 2Jaanong go tswa kwa Bethele o ne o ya kwa Luse, o fetela pele kwa nageng ya Baaregi kwa Atarothe. 3O be o fologela kwa bophirimatsatsi kwa nageng ya Bajafelete go ya go fitlha kwa nageng ya Bethorone yo o kwa tlase le go ya kwa Gesere. O be o felela fa lewatleng.
4Ke fa bomorwa Josefa, e bong Manase le Eferaime, ba neng ba bona kabelo ya naga teng.
5Naga ya Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone e ne e ntse jaana: Molelwane wa kabelo ya bone o ne o ya kwa botlhabatsatsi kwa Aterothe-Atare go ya go fitlha kwa Bethorone yo o kwa godimo. 6Molelwane o be o fetela pele kwa lewatleng, o pota Migemethathe mo ntlheng ya borwa. Molelwane o be o thelela, o ya kwa botlhabatsatsi kwa Thaanatšhilo, o mo pota ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, o ya kwa Janoa. 7Go tswa kwa Janoa o fologela kwa Atarothe le kwa Naara, o ama Jerigo, o felela fa Joretane. 8Go tswa kwa Thaphua molelwane o ne o ya kwa bophirimatsatsi kwa nokaneng ya Kana, o felela fa lewatleng. Ke yona kabelo ya lotso lwa Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone 9mmogo le metse e e segetsweng Baeferaime mo gare ga naga ya Bamanase, metse yotlhe le metsana ya yona. 10Mme ba se ka ba leleka Bakanana ba ba agileng kwa Gesere. Bakanana ba nna jalo mo gare ga Baeferaime go fitlha letsatsing leno. Fela ba nna batlhanka, ba ba direla.

Currently Selected:

JOŠUA 16: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy