YouVersion Logo
Search Icon

BAHEBERE 7

7
Boperesiti jwa ga Melegi-Seteke ke sekao sa boperesiti jwa ga Keresete jo bo sa khutleng
1Gonne Melegi-Seteke yoo e ne e le kgosi ya Salema le moperesiti wa Modimo o o godimodimo; o kile a kgatlhantsha Aborahame, jale fa a boa a tswa go fenya dikgosi, a mo tshegofatsa. 2Ke ene yo Aborahame o bileng a mo abela bosome jwa dilo tsotlhe; ga ntlha e ne e le “Kgosi ya tshiamo”, fa go fetolwa leina; e bile e le kgosi ya Salema, ke go re: “Kgosi ya kagiso”, 3a se na rraagwe, a se na mmaagwe, a sa balelwe mo losikeng lope, a se na tshimologo ya malatsi, le fa e le bokhutlo jwa bophelo, mme a dirilwe gore a tshwane le Morwa Modimo, o ntse a le moperesiti ka gale.
4Elang tlhoko tlhe gore ene yoo o mogolo jang, yo Aborahame, rraetsho mogolwagolwane o mo ntsheditseng bosome jwa thopo! 5Boora Lefi ba ba amogelang boperesiti ba na le taolo ka fa molaong go ntshisa morafe karolo ya lesome, ke go re, ba ga bone, le fa le bone ba dule mo lethekeng la ga Aborahame. 6Mme ene yo e seng wa losika lwa bone, o amogetse karolo ya lesome mo go Aborahame, mme a tshegofatsa ene yo o nang a na le ditsholofetso. 7Kana yo mmotlana o tshegofadiwa ke yo mogolo; moo ga go na kganetso epe. 8E bile fano batho ba ba swang ba amogela dikarolo tsa lesome, mme jale e ne e le mongwe yo go supiwang ka ga gagwe gore o a tshela. 9Ee, go ka twe, le ene Lefi tota yo o amogelang bosome, o kile a ntsha bosome ka Aborahame; 10gonne le fa a ne a ise a tsalwe, o ne a le mo lethekeng la ga rraagwe, fa Melegi-Seteke a mo kgatlhantsha.
11Jaanong he, fa ka boperesiti jwa Balefi go ka bo go ne go le botlalo jo batho ba amogetseng molao ka ntlha ya jona, go ne go sa ntse go batlegelang gore go tsoge moperesiti o sele ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke, yo o sa bidiweng ka fa mokgweng wa ga Arone? 12Gonne fa boperesiti bo fetolwa, molao le ona o tshwanetse go fetolwa. 13Ene yo dilo tseo di buiwang ka ga gagwe, e ne e le wa lotso lo sele, lo go iseng go ke go nne motho ope wa lone, yo o neng a direla aletare. 14Gonne go a itsege, fa Morena wa rona a dule mo go Juta, lotso lo Moše o se kang a bua sepe le lone ka ga boperesiti.
15Mme seo se bonatsega bogolo thata, fa go tsoga moperesiti yo mongwe ka fa tshwanong ya ga Melegi-Seteke 16yo o sa bewang ka fa molaong wa taolo ya nama, mme a beilwe ka fa nonofong ya bophelo jo bo sa nyeleleng. 17Gonne go supilwe ka ga gagwe ga twe:
“Ò moperesiti
ka bosakhutleng
ka fa mokgweng
wa ga Melegi-Seteke.”
18Gonne go dirololwa taolo ya pele ka ntlha ya bokoa jwa yona le go sa thuseng sepe ga yona. 19– Gonne molao ga o a ka wa isa sepe kwa botlalong. – Mme go tsisiwa tsholofelo e e gaisang, e re atamelang Modimo ka yona.
20Mme e re ka go sa direga kwa ntle ga ikano – gonne bale ba ne ba diregile baperesiti kwa ntle ga ikano, 21mme yoo o diregile moperesiti ka go ikana ga yo o mo reileng a re:
“Morena o ikanne,
mme ga a kitla a ikwatlhaya,
a re:
‘Ò moperesiti
ka bosakhutleng.’ ”
22Ka moo Jesu o diregile moemedi wa kgolagano e e gaisang.
23E bile bale ba ne ba tswa baperesiti ka bontsi, ka ba palelwa ke go nnela ruri mo tirong ka ntlha ya loso. 24Mme ene yoo, ka a nna ka bosakhutleng, o na le boperesiti jo bo sa fetogeng. 25Ke gona ka moo o nonofileng go pholosa ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a phela ka gale go ba rapelela.
26Gonne moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo o ne a batlega mo go rona, yo o boitshepo, a se na bosula, a se na sebala, a kgaogantswe le baleofi, a tlhatloga go feta magodimo; 27go ne go sa batlege mo go ene gore a ise ditlhabelo ka letsatsi lengwe le lengwe ka ntlha ya dibe tsa gagwe pele, mme morago ka ntlha ya dibe tsa batho jaaka baperesiti ba bagolo bale; ka gobane seo o se diretse ruri gangwe fela, jale fa a itira setlhabelo. 28Gonne molao o tlhoma batho ba ba nang le makoa go nna baperesiti ba bagolo; mme lefoko la ikano le le builweng morago ga molao, lone le tlhoma Morwa Modimo yo o leng botlalo ka bosakhutleng.

Currently Selected:

BAHEBERE 7: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in