YouVersion Logo
Search Icon

1 BATHESALONIKA 5

5
1Jaanong, bakaulengwe, ga go batlege gore lo kwalelwe ka ga dipaka le dinako; 2gonne lona ka losi lo itse sentle gore letsatsi la Morena le tla tla fela jaaka legodu bosigo. 3Gonne e tla re go twe: “Go kagiso le polokego!” ke gona tshenyego e tla ba welang ka tshoganyetso, jaaka ditlhabi di wela mosadi yo moimana, mme ga ba kitla ba falola. 4Mme lona, bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang jaaka legodu. 5Nnyaya, lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo le e seng ba lefifi. 6Ka moo he a re se robaleng jaaka ba bangwe, mme a re nneng re thantse, re nne tekano; 7gonne ba ba robetseng ba robetse bosigo, le ba ba tagilweng ba tagilwe bosigo. 8Mme rona ba re leng ba letsatsi, a re nneng tekano, re apere sefemela-sehuba sa tumelo le sa lorato, le tsholofelo ya phologo go nna kuane ya phemelo. 9Gonne Modimo ga o a re beela bogale, mme o re beetse go bona phologo ka Morena wa rona Jesu Keresete 10yo o re swetseng gore le fa re tsogile gongwe re robetse, re phele mmogo nae. 11Ka moo gomotsanyang lo agane jaaka lo ntse lo dira.
Ditaelo le dikeleletso
12Mme, bakaulengwe, re lo rapela gore lo tlotle bone ba ba itapisang ka lona, ba ba lo okameng mo Moreneng, ba ba lo layang, 13lo ba kaye segolo bogolo ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone. Agisanyang nabo.
14Bakaulengwe, re lo kaela re re: Kgalemelang ba ba bofafalele, nametsang ba ba nyemang moko, tlhokomelang ba ba bokoa, lo nne pelotelele le botlhe. 15Tlhokomelang gore go se nne ope yo o busetsang yo mongwe bosula ka bosula, mme tlhoafalang ka gale go direlana molemo le go o direla botlhe.
16Itumeleng ka gale. 17Se khutleng go rapela. 18Lebogang mo dilong tsotlhe; gonne moo ke thato ya Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.
19Se timeng Mowa. 20Se nyatseng dithuto tsa Lefoko la Modimo. 21Tlhotlhomisang tsotlhe, lo boloke tse di siameng. 22Fapogang mofuta mongwe le mongwe wa bosula.
23Mme a Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe; a mewa ya lona le maphelo a lona le mebele ya lona di bolokwe, e nne tse di itekanetseng, di se na molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete. 24Ona o o lo bitsang o a ikanyega, o bile o tla dirafatsa.
25Bakaulengwe, re rapeleleng.
26Dumedisang bakaulengwe botlhe ka katlo e e boitshepo.
27Ke lo tiisetsa ka Morena gore lokwalo loo lo buisediwe bakaulengwe botlhe ba ba boitshepo.
28A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona!

Currently Selected:

1 BATHESALONIKA 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in