YouVersion Logo
Search Icon

MATHAIO 7

7
Go atlhola ba bangwe
(Luke 6:37-38,41-42)
1“Lo se ka lwa sekisa, gore lo se sekisiwe. 2 Gonne tshekiso e lo sekisang ka yone, lo tlaa sekisiwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone. 3O lebelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago? 4Kgotsa o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago;’ mme bona, mosipuri ke oo o mo leitlhong la gago? 5Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele; foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno.
6“Lo se ka lwa naya dintša se se itshepileng, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore e se re kgotsa tsa di gataka ka ditlhako, mme tsa menoga tsa gagola lona.
Lopang, batlang, kgwanyakgwanyang
(Luke 11:9-13; 6:31)
7“Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa. 8Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela; le yo o batlang o a bona; mme go bulelwe yo o kgwanyakgwanyang. 9Kgotsa go na le monna ofe mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo lopa senkgwe, a mo naya lentswe? 10Kgotsa fa a lopa tlhapi, a mo naya noga? 11Ke gone fa e le gore lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, bogolo jang Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa naya ba ba mo lopang dilo tse di molemo?
12 “Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo; gonne mo ke molao le baperofeti.
Kgoro e e pitlaganyeng
(Luke 13:24)
13“Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. 14Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.
Setlhare le maungo a sone
(Luke 6:43-44)
15“Lo itise mo baperofeting ba e seng bone, ba ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. 16Lo tlaa ba itse ka maungo a bone. A batho ba tle ba hule loungo lwa mofine mo manganeng, kgotsa difeige mo masitlwaneng? 17Fela jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula. 18Setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo bosula, le gone setlhare se se bosula ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo molemo. 19 Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. 20 Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.
Ga ke ise nke ke lo itse gope
(Luke 13:25-27)
21“Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. 22E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ 23 E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’
Baagi ba babedi
(Luke 6:47-49)
24“Ke gone mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a a me, a ba a a dira, o tlaa tshwantshiwa le monna yo o botlhale, yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefikeng. 25Mme pula ya fologa, merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaaka ntlo eo, mme e se ka ya wa, ka gobo e ne e thaetswe mo lefikeng.
26“Mme mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko a a me, mme a sa a dire, o tlaa tshwantshiwa le monna wa seeleele, yo o agileng ntlo ya gagwe mo mošaweng. 27Mme pula ya fologa, merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, tsa itaaka ntlo eo, mme ya wa; mme go wa ga yone ga nna gogolo.”
Thata ya ga Jesu
(Mar 1:22)
28 Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa mafoko a, batho ba gakgamalela thuto ya gagwe, 29ka a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka bakwadi ba bone.

Currently Selected:

MATHAIO 7: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in