YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 4

4
Jesu le mosadi wa Mosamaria
1Ke gone e rileng Morena a itse jaaka Bafarisai ba utlwile fa Jesu a dira a ba a kolobetsa barutwa ba le bantsi bogolo go Johane 2– le mororo Jesu ka esi a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe – 3a tloga mo Jutea, a boela kwa Galilea. 4Mme a bo a na le go ralala Samaria.
5 Jalo a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria, go twe, Sikare, gaufi le sebata sa lefatshe se Jakobe o se neileng Josefe morwawe. 6Sediba sa ga Jakobe sa bo se le teng foo. E re ka Jesu a ne a tsenywe ke letsapa la loeto, a dula fa sedibeng. Ya bo e le mo lobakeng lwa nako ya sethoboloko.
7Ga tla mosadi mongwe wa Samaria go ga metsi; Jesu a mo raya a re: “A ko o nnose metsi,” 8gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile mo motseng go reka dijo.
9 Foo mosadi wa Samaria a mo raya a re: “Go ntse jang, wena o le Mojuta, o lopa go nwa mo go nna ke le mosadi wa Samaria? Ga ke re Bajuta ga ba etalane le Basamaria?” 10Jesu a mo fetola a re: “Fa o ka bo o ne o itse neo ya Modimo, le yo o go rayang a re: ‘A ko o nnose;’ o ka bo o lopile ene, mme o ka bo a go nositse metsi a a tshedileng.”
11Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na se o gang ka sone, mme sediba se boteng, mme metsi a a tshedileng ao, o a tsere kae? 12A o mogolo go feta rraetsho Jakobe, yo o re neileng sediba se, le ene a nwa mo go sone, le bomorwawe, le dikgomo tsa gagwe?”
13Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metsi a, o tlaa ba a nyorwa gape; 14mme le fa e le mang yo o tlaa nwang metsi a ke tlaa a mo nosang, ga a ketla a tlhola a nyorwa gope; metsi a ke tlaa a mo nosang a tlaa tswa motswedi wa metsi mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.”
15Mosadi a mo raya a re: “Morena, a ko o nnose metsi ao, gore ke se ka ka tlhola ke nyorwa, le fa e le go tsamaya mosepele o molele wa go tla kwano go ga.”
16Jesu a mo raya a re: “Ya o bitse monna wa gago, mme o tle kwano.”
17Mosadi a mo fetola a re: “Ga ke na monna.” Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, wa re ga o na monna; 18gonne o kile wa ne o na le banna ba le batlhano; mme yo o nang nae gompieno ga se monna wa gago; moo o boletse ka boammaaruri.”
19Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke a lemoga fa o le moperofeti. 20Borraetsho ba ne ba obama mo thabeng e; mme lona lwa re, Jerusalema ke gone kwa batho ba tshwanetseng go obama teng.”
21Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ntumela, lobaka lo etla lo lo se ketlang lo obamela Rara ka lone mo thabeng e, le fa e le mo Jerusalema. 22Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne poloko e tswa mo Bajuteng. 23Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. 24Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”
25Mosadi a mo raya a re: “Ke a itse fa Mesia a tla, yo o bidiwang Keresete; e tlaa re ene a tsile o tlaa re bolelela dilo tsotlhe.”
26Jesu a mo raya a re: “Nna yo ke buang nao, ke nna ene.”
27Foo barutwa ba gagwe ba tla; ba gakgamala ka a bua le mosadi; le fa go ntse jalo ope a se ka a re: “O batlang?” kgotsa: “O buelang nae?”
28Jalo mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe; a ya mo motseng, a raya batho a re: 29“Tlaang lo bone monna yo o mpoleletseng dilo tsotlhe tse ke ntseng ka nna ka di dira le bogologolo. A e ka nna ene Keresete?” 30Ba tswa mo motseng, mme ba ya kwa go ene.
31Ya re mo bakeng loo barutwa ba mo rapela ba re: “Rabi, a ko o je.”
32Mme a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.”
33Foo barutwa ba raana ba re: “A mongwe o tsile a mo tsholetse dijo go ja?”
34Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng, le go wetsa tiro ya gagwe. 35A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi di le nne pele ga thobo ya mabele’? Bonang, ke a lo raya: Lebang, lo bone masimo, fa a setse a le masweu a go rojwa. 36Yo o robang o tshola tuelo, a phuthele botshelo jo bo sa khutleng loungo; gore yo o jalang le yo o robang ba itumele mmogo. 37Gonne lefoko le, le boammaaruri ka gone mo, jaaka go twe: ‘Mongwe o a jala, mme o sele a robe.’ 38Ke lo romile lwa ya go roba mo lo se kang lwa go direla; ba sele ba dirile, mme lona lo tsenye mo tirong ya bone.”
39Basamaria ba le bantsi ba motse o, ba mo dumela ka ntlha ya lefoko la mosadi, yo o supileng a re: “O mpoleletse dilo tsotlhe tse ke ntseng ka nna ka di dira le bogologolo.” 40Jalo e rile Basamaria ba sena go fitlha kwa go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo; mme a tlhola teng malatsi a le mabedi.
41Mme ga dumela batho ba le bantsi gape ka lefoko la gagwe; 42ba raya mosadi ba re: “Jaanong re a dumela, e seng ka ntlha ya go bolela ga gago fela; gonne ka rosi re mo ikutlwetse, mme re a itse fa ruri motho yo e le Mmoloki wa lefatshe.”
Jesu o fodisa morwa kgosana
43E rile malatsi a mabedi ao a sena go feta, a tswa teng a ya Galilea, 44 gonne Jesu ka esi a supa fa moperofeti a se na tlotlo mo lefatsheng la ga gabo. 45 Jalo e rile a fitlha mo Galilea, Bagalilea ba mo tshola, ka ba bonye dilo tsotlhe tse o di dirileng kwa Jerusalema ka lobaka lwa modiro; gonne le bone ba ne ba ile modirong.
46 Mme a tloga a ya gape kwa Kana wa Galilea, kwa o fetotseng metsi bojalwa jwa mofine teng. Ga bo go le motho mongwe wa kgosana, yo morwawe o lwalang kwa Kaperenaume. 47Ya re a utlwa fa Jesu a dule kwa Jutea a tsile mo Galilea, a ya kwa go ene, a mo rapela gore a fologe, a ye go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. 48Foo Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo ketla lo dumela gope.”
49Motho wa kgosana a mo raya a re: “Morena, a ko o fologe ngwanake a ise a swe.”
50Jesu a mo raya a re: “Tsamaya fela, morwao o tshedile.” Monna yo a dumela lefoko le Jesu o le buileng nae, mme a tsamaya. 51Ya re a sa ntse a fologa, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba bolela fa morwawe a tshedile.
52Jalo a ba botsa nako e o simolotseng go fola ka yone. Mme ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya bongwe ka tshokologo letshoroma la mo tlogela.” 53Jalo rraagwe a itse fa e ne e le ka nako e Jesu o mo reileng ka yone a re: “Morwao o tshedile;” mme go le ene le ba ntlo ya gagwe, ba dumela botlhe fela.
54E bile ke sone sesupo sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tla mo Galilea a tswa kwa Jutea.

Currently Selected:

JOHANE 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in