YouVersion Logo
Search Icon

GENESISE 39

39
Josefe le mosadi wa ga Potifare
1Josefe a isiwa kwa Egepeto. Potifare mogolwane wa ga Faro le kgosana ya maotlana, wa Moegepeto a mo reka mo seatleng sa Baišemaele ba ba mo isitseng gone. 2 Jehofa a nna le Josefe, a ba a nna monna yo o tlhogonolofetseng, a nna mo ntlong ya mong wa gagwe wa Moegepeto. 3Mong wa gagwe a bona fa Jehofa a na nae, le go re, Jehofa o tlhogonolofatsa dilo tsotlhe tse o di dirang. 4Josefe a bona tsalano mo matlhong a gagwe, mme a mo direla; a mmaya molebalebi wa ntlo ya gagwe, le dilo tsotlhe tse o nang natso a di tsenya mo seatleng sa gagwe. 5Ga dirala e sale ka lobaka lo o mmeileng molebalebi ka lone wa ntlo ya gagwe, le wa dilo tsotlhe tse a nang natso, Jehofa o na a segofatsa ntlo ya Moegepeto ka ntlha ya ga Josefe; mme tshegofatso ya ga Jehofa ya nna mo go tsotlhe tse a nang natso, mo ntlong le kwa nageng. 6A lesa tsotlhe tse a nang natso mo seatleng sa ga Josefe; a sa itse sepe se a nang naso, fa e se dijo tse o di jang fela. Josefe a bo a le montle, a bopegile sentle. 7Ga dirala ya re morago ga dilo tse, mogatsa mong wa gagwe a eletsa Josefe ka matlho; mme a re: “Robala le nna.” 8Mme a gana, a raya mogatsa mong wa gagwe a re: “Bona, monngwake ga a itse sepe se se mo go nna mo ntlong, o tsentse tsotlhe tse a nang natso mo seatleng sa me; 9mo ntlong e, ga go na ope yo o mogolo mo go nna, le gone ga a a baya sepe kwa ntle ga me, fa e se wena, ka gobo o le mosadi wa gagwe; kana foo bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?” 10Mme ya re a ntse a bua le Josefe ka malatsi go tlhomagana, a se ka a mo reetsa go rapama fa go ene le fa e le go nna nae.
11Ga dirala ya re ka lobaka loo Josefe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe; mme go ne go se na ope wa banna ba ntlo gone mo teng. 12Mosadi a mo phamola ka seaparo a re: “Robala le nna.” Josefe a tlogela seaparo sa gagwe mo seatleng sa mosadi a tshaba, a tswela kwa ntle. 13Ga dirala ya re mosadi a bona fa a tlogetse seaparo sa gagwe mo seatleng sa gagwe, a bile a tshabetse kwa ntle, 14a kua banna ba ntlo ya gagwe, a bua nabo, a re: “Bonang, o tsentse motho wa Mohebere mo go rona go re sotla; o ne a tsena kwa go nna gore a robale le nna, mme ka goa ka lentswe le legolo. 15Ga dirala ya re a utlwa ke tsholetsa lentswe la me ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna a tshaba, a tswela kwa ntle.”
16A baya seaparo sa gagwe fa go ene, ya ba ya tla mong wa gagwe a tla gae. 17A bua nae ka mafoko a, a re: “Motlhanka wa Mohebere yo o mo tlisitseng mo go rona o ne a tsena kwa go nna go ntshotla. 18Ga dirala e rile ke tsholetsa lentswe la me ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna a tshabela kwa ntle.”
19Ga dirala ya re mong wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe o a buang nae a re: “Motlhanka wa gago o ntirile jaana,” bogale jwa gagwe jwa tuka. 20Mong wa ga Josefe a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, felo kwa bagolegwa ba kgosi ba golegelwang gone; a nna gone mo ntlong ya kgolegelo. 21 Jehofa a nna le Josefe, a mo supetsa pelonomi, a mo naya tsalano mo matlhong a modisa wa ntlo ya kgolegelo. 22Modisa wa ntlo ya kgolegelo a tsenya bagolegwa botlhe ba ba mo ntlong ya kgolegelo mo seatleng sa ga Josefe; sengwe le sengwe se se dirwang gone ya nna ene modiri wa sone. 23Modisa wa ntlo ya kgolegelo ga a ka a tlhokomela sepe se se mo thateng ya ga Josefe ka gobo Jehofa a na nae; se o se dirang Jehofa a se tlhogonolofatsa fela.

Currently Selected:

GENESISE 39: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

Free Reading Plans and Devotionals related to GENESISE 39

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy