YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 9

9
Esera o itsesiwe ka ga ba ba nyetseng Baditšhaba
1Jaana e rile dilo tse di sena go dirwa, dikgosana tsa atamela kwa go nna, tsa re: “Batho ba Iseraele, le baperesiti le Balefi, ga ba a itomolola mo ditšhabeng tsa mafatshe, ka ba dira ka fa dilong tse di makgapha tsa bone, e bong tsa Bakanana, le tsa Bahite, le tsa Baperise, le tsa Bajebuse, le tsa Baamone, le tsa Bamoabe, le tsa Baegepeto le tsa Baamore. 2Gonne ba itseetse bomorwadia bone, ba bile ba ba tseisitse bomorwaa bone; ke go re, losika lo lo itshepileng lo itlhakantse le ditšhaba tsa mafatse; ee, seatla sa dikgosana le sa balaodi se ntse se le kwa pele mo tlolong e.” 3E rile ke utlwa selo se, ka ikgagola seaparo le sekhutlana, ka ikhumola moriri le ditedu, ka dula ka kgakgamalo fela. 4Foo ga phuthegela kwa go nna mongwe le mongwe yo o roromang ka mafoko a Modimo wa Iseraele, ka ntlha ya tlolo ya bone ba botshwaro; ka dula ka kgakgamalo go ya lobakeng lwa go isa seromololo sa maitsebowa.
5E rile ka lobaka lwa go isa seromololo sa maitsebowa ka nanonga mo boikokobetsong jwa me, seaparo sa me se gagogile fela le sekhutlana sa me; ka wela ka mangole, ka otlololela mabogo a me kwa go Jehofa, Modimo wa me. 6Ka bua ka re: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke bile ke a itlhontsha, ke retelelwa ke go go tsholeletsa sefatlhogo sa me, Modimo wa me, gonne tshiamololo ya rona, le molato wa rona o goleletse kwa magodimong. 7E sa le ka metlha ya borraetsho le gompieno re ntse re le molato thata; go le rona le dikgosi tsa rona le baperesiti ba rona, ka ntlha ya tshiamololo ya rona, re tsentswe mo seatleng sa dikgosi tsa mafatshe, le mo tšhakeng, mo botshwarong, le mo go thukuthweng, le mo tshosobaganong ya sefatlhogo, jaaka go ntse gompieno. 8Mme jaana, ka lobakanyana lo lonnye, re bonye tshwaro mo go Jehofa Modimo wa rona, ka go re tlogelela masalela a a falotseng, le go re naya lomapo mo felong ga gagwe ga boitshepo, gore Modimo wa rona o sedifatse matlho a rona, le go re naya thudisonyana mo kgolgong ya rona. 9Gonne re bagolegwa; le fa go ntse jalo Modimo wa rona ga o a re latlha mo kgolegong ya rona, mme o atlabaleleditse boutlwelobotlhoko kwa go rona mo ponong ya dikgosi tsa Peresia, go re naya thudiso, go tlhoma ntlo ya Modimo wa rona, le go tsosolosa marope a yone, le go re naya lorako mo Juta le mo Jerusalema.
10“Mme jaana, Modimo wa rona, re tlaa reng morago ga moo? Gonne re latlhile ditaolo tsa gago, 11tse o di laotseng ka baperofeti batlhanka ba gago, wa re: ‘Lefatshe le lo yang go le rua, ke lefatshe le le itshekologileng ka itshekologo ya batho ba ditšhaba tsa mafatshe, ka dilo tse di makgapha tsa bone, tse di le tladitseng ka makgamatha a bone, go tswa ntlheng nngwe go ya ntlheng e nngwe. 12 Ke gone jaana lo se ka lwa naya bomorwa bone bomorwadia lona, le fa e le go tseisa bomorwa lona bana ba bone ba basetsana, le gone lo se ka lwa batla kagiso ya bone le fa e le letlhogonolo la bone ka bosakhutleng, gore lo tle lo nne thata, le gore lo je monate wa lefatshe, le gore lo le tlogelele bana ba lona boswa ka bosakhutleng.’ 13Morago ga dilo tse tsotlhe tse di re wetseng ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa rona, le molato o mogolo wa rona, e re ka wena Modimo wa rona o re beditse sebotlana bogolo go mo maikepo a rona a ne a go tshwanetse, o bile o re neile masalela a a ntseng jaana. 14A re tlaa ba re tsupuetsa ditaolo tsa gago, re nyalana le ditšhaba tse di dirang dilo tse di makgapha tse? A ga o nka o nna bogale le rona go tsamaya o re nyeletsa, go ba go tla go tlhokafala masalela, kgotsa yo o falolang fela? 15Jehofa Modimo wa Iseraele, o tshiamo, gonne re tlogeletswe masalela a a falotseng, jaaka go ntse gompieno, bona, re fa pele ga gago mo molatong wa rona, gonne ga go na ope yo o ka emang fa pele ga gago ka ntlha ya gone mo.”

Currently Selected:

ESERA 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy